Ba lebogelwa go ikemela ka dinao
11 Jan 2013
Mopalamente wa Ngwaketse borwa, Rre Peter Siele, o lebogetse banni ba Gathwane go bo ba gatetse pele mo go tlhaboleleng motse wa bone le go inaakanya le mananeo a puso a a itebagantseng le go tokafatsa matshelo a Batswana.
Rre Siele, yo gape e leng tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, o lebogile jalo banni mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo.
E ne e rile go le pele, a begelwa ka ditlhabololo tsa motse oo, di akaretsa kago ya leobo la kgotla le le agilweng ka lenaneo la Ipelegeng. O ne a lekodisiwa gape fa batlhoki ba le lesome ba inaakantse le go lema merogo mo segotlong ka lenaneo la nyeletso lehuma.
Rre Siele o ne a galaletsa banni a re go a itumedisa fa ba lemoga botlhokwa jwa go lema merogo mo segotlong e bile ba tshwere tiro eo ka diatla tsoopedi.
O ba kgothaditse go inaakanya le mananeo a mangwe a puso, a tshwana le a ISPAAD, LIMID, thuo ya dinotshe le a mangwe a a reng a ka ba ntsha mo lehumeng. O boletse fa puso e leka bojotlhe go nyeletsa lehuma ka mananeo a a leng teng mme go le mo maruding a Batswana go bona gore mananeo ao a tswa tema mo go tokafatseng matshelo a bone.
Rre Siele o boleletse banni bao fa gape ba ka inaakanya le ditiro tse dingwe jaaka kapei ya borotho, go tlhatswa diaparo motho a duelwa mme ba kgone go itshetsa.
Mopalamente o boleletswe fa sekole se sebotlana sa motse oo se ntshitse maduo a a itumedisang a lokwalo lwa bosupa ka se ikgapetse matshwao a 96 per cent.
Mothusa mogokgo wa sekole seo, Mme Josephine Letshwiti, o tlhalositse fa sekole seo se dirile sentlw dingwaga tse pedi ka go latelana.
Mme Letshwiti a re sekole seo se ikgapetse sejana se se amoganwang, se tswa mo go mopalamente wa kgaolo, e le seabe sa gagwe mo go rotloetseng thuto mo kgaolong ya gagwe. A re sekole se dira bontle ka ntlha ya tirisano fa gare ga batsadi le barutabana.
Rre Siele o lekodisitse ka lengwe lenaneo la lephata la thuto le le rotloetsang bana ba ba neng ba sa fetsa sekole go tsweledisa dithuto tsa bone. A re lenaneo leo le akaretsa bana ba ba neng ba tlogela sekole ba sa fetsa dithuto tsa bone ka mabaka a a farologaneng, fa ba bangwe ba ne ba sa dira sentle mo maduong a bone.
O lekodisitse banni le ka thulaganyo ya letshwao la go rwesa dikgomo malengana mo ditsebeng, a tlhalosa fa malengana ao a tlaa bo a rekwa ke morua kgomo mme a tlaa bo a rekisiwa mo marekisetsong a melemo ya leruo.
A re manyena ao a tlaabo e tsentswe boranyane jo bo kwa godimo.
O tlhalositse fa bakenti ba tlaa dira thulaganyo le barui go ba ruta ka thulaganyo eo. Banni ba supile matshwenyego ka dituelo tsa go gokela motlakase mo malwapeng a bone ba re di kwa godimo thata. Bangwe ba re dituelo tseo di ba paledisa go ikgokelela motlakase. ENDS
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 Jan 2013






