Breaking News

Somarelang thothi

02 Jul 2013

Banni ba Makwate kwa kgaolong ya Mahalapye East, ba kopilwe go fokotsa go nosa leruo la bone metsi a morafe.

Mafoko a, a builwe ke tona wa lephata la ditswammung, kgotetso le metsi, Rre Kitso Mokaila, kwa phuthegong ya kgotla, e e neng e tshwerwe ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama kwa motseng oo bosheng.

Rre Mokaila a re metsi a a tlhaela mo lefatsheng ka bophara, mme e bile gape matamo le one ga a mantsi, ka jalo batho ba tshwanetse go somarela thothi e e leng teng. O ba kopile go dupa didiba tse ba ka ipopang ditlhopha gore ba kgone go nosa leruo la bone mo go tsone.

A re metsi ke mpho ya Modimo, fa a fela ga go na kwa a dirwang teng, ka jalo batho ba a dirise ka kelelelo. Rre Mokaila o kopile Batswana ka kakaretso go boela mokgwa wa go beeletsa metsi a pula, a re ke gone fela go ka kgonang seemo sa gompieno ka batho ba ka a dirisetsa ditiro tse dingwe di tshwana le gone go nosa leruo.

E ntse e le dikgang tsa metsi, tona o ne a tlhalosetsa batho ba Makwate gore mathata a metsi a motse wa bone a dirwa ke go thubega ga diphaephe ka di tsentswe mo lekgarapaneng.

Ka dikgang tsa dituelo tse di kwa godimo, o ne a tlhalosa fa lephata la metsi le kile la bo le na le mathata a go ntsha dipampiri tsa dituelo ka nako mme se se bake gore di kgobokane mme madi a nne kwa godimo.

Tona Mokaila o ne a kopa gore botlhe ba ba sa ntseng ba bona dituelo tse di kwa godimo, ba ikopanye le ba ofisi ya metsi go batla ditlhaloso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 02 Jul 2013