Sekole se abela bagodi le balwetse
02 Jul 2013
E ne ya re mo bosheng, badiri ba sekole se segolwane sa Ntebogang kwa Kanye ba abela bagodi le balwetse ba kgotla ya Taukobong merogo.
Merogo eo e ne ya abiwa ke mokhanselara wa kgotla ya Nyorosi West, Mme Pananki Koloi, mme a akgolela sekole seo tiro e kgolo e ba e dirileng, a tlhalosa gore sekole seo se supile mowa wa bobelotlhomogi.
Mothusa mogokgo wa sekole seo, Mme Boingotlo Setumo, o ne a tlhalosa gore ba dirile tiro e ntle eo go fa bagodi le balwetse ba kgotla eo tshwanelo ya go utlwa diatla tsa bana ba bone, ka e le bone ba lemang merogo eo.
A re gape merogo eo e ka tokafatsa seemo sa bone sa botsogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fatima Lesole
Location : Kanye
Event : Kabo dimpho
Date : 02 Jul 2013






