Diji di tlhasetse masimo
11 Jan 2013
Rabalemisi wa kgaolo potlana ya Letlhakeng, Rre Lucas Kgosiemang, o tlhalositse fa go lebega diji di tlaa dika di apesitse balemi ba kgaolo ya gagwe kobo ka letshoba.
E rile a bua mo puisanong, Rre Kgosiemang a tlhalosa fa ba utlwaletse thaga ya molomo mo masimong a Salajwe,Takatokwane le Moshaweng mme ka lesego di fudugile mme ba tlaa nna ba etse seemo tlhoko.
O boletse fa diji jaaka ditotojane go lebega di tlaa dika di le dintsi ntateng ya dipula.
O tsweletse ka go tlhalosa fa dirurubele di le dintsi thata monongwaga, a tlhalosa fa di felela di iphetotse dibokwana tse gantsi di tshabelelang mmidi.
O bile a kopa gore balemi ba nne podi matseba ka go bonwe sebokwana se se tsamayang ka segopa (African army worm) se se dirang tshenyo e ntsi mo mabeleng.
Rre Kgosiemang o boletse fa mhero le one go lebega o tlaa nna montsi bogolo jang wa witch weed, ka o bonala thata mo masimong a le mantsi le mo tlase ga ditsela.
O tsweletse ka go tlhalosa fa balemi bangwe mo kgaolong ya gagwe ba nnile le bothata jwa peo ya mabele ya Savanna, e a reng e gana go tlhoga mo go bayang balemi ba kgaolo ka fa mosing.
O boletse fa molemi mongwe wa masimo a Phuduhudu a ne a lemile mmidi wa Savanna wa Kalahari early pearl ditema di le masome a le mane mme go dule matoditodi.
O tlhalositse fa balemi ba kgaolo ya gagwe ba ne ba ikiteile ka thupana thata monongwaga ka bangwe ba ne ba itemela ka digogi tsa bone ba sa emele tsa ga goromente le fa le tsone di ne di na le bothata jwa go senyega. O boletse fa tirisanyo mmogo ya bone le balemi e le ya maemo a ntlha.
Rre Kgosiemang o tlhalositse fa a tsweletse ka go duela balemi ba ba neng ba itheketse dipeo ka nako ya temo.
O boletse fa ba ikemiseditse go dira le balemi ka e le bone ba ka ntshang lefatshe leno mo tlaleng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Madianakedi
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 11 Jan 2013






