Breaking News

Komiti e rutuntsha ba le lekgolo

01 Jul 2013

E re ka jaana puso ya lefatshe leno e leka ka bojotlhe go nyeletsa lehuma mo Batswaneng,  bontsi bo inaakantse le mananeo ka go farologana.

Komiti ya nyeletso lehuma ya kgaolo ya Bokone Botlhaba le yone e tshwere ka thata go tsweledisa maiteko a puso, ka jaana e ne ya re bosheng, ya bo e tshwere thuto-puisano kwa Domboshaba go rutuntsha batho ba le lekgolo ba kgaolo ya Tati Bophirima ba ba tlaa bonang dithuso tsa mananeo a nyeletso lehuma.

Mothusa molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Onkokame Mafoko, o ne a gatelela botlhokwa jwa gore mananeo a puso a dirisiwe sentle gore maduo a one a bonale a bo a solegele batho molemo.

Rre Mafoko o ne a gakolola batsena dithuto tseo gore ba ikakanye mme ba bo ba tlhaloganye se ba batlang go se dira, a ba gwetlha go tlhokomela dikgwebo tse ba tlaa bong ba di tlhophile.

Modiri wa lephata la boipelego la khansele ya Bokone Botlhaba, Rre Thomas Mpenya, o ne a kopa batho go tsaya lenaneo la nyeletso lehuma ka tlhwaafalo, a tlhalosa fa lenaneo leo e le sengwe sa dilo tse di tlhwaafetseng mo lefatsheng leno ka le tsamaisiwa ka fa tlase ga ofisi ya ga Tautona.

Rre Mpenya le ene fela jalo o ne a kopa batho go tlhokomela dikgwebo tsa bone, a re bodiredi jo bo lebaneng bo nna bo le teng go thusana le bone le go tlhoma dikgwebo leitlho.

O tlhagisitse gore bagwebi ba ba sa tlhokomeleng dikgwebo tsa bone ba tlaa di amogiwa. Batsena thuto-puisano eo, ba ne ba fiwa maele a dikgwebo ka go farologana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Thuto-Puisanyo

Date : 01 Jul 2013