Maduo a sekole ga a jese di welang
10 Jan 2013
Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Lejwana, Rre Mathews Legwaila a re ga a itumedisiwe ke go bo maduo a sekolo seo a tsweletse ka go wela tlase.
A re sekolo seo ga se dire sentle ka jaana go sena tirisanyo mmogo fa gare ga batsadi le barutabana, a gatelela ka gore batsadi ba maoto a tshupa go etela kwa sekolong go bona tiro ya bana ba bone, a re le lone tota lekgotla la batsadi le barutabana ga le dire mo go itumedisang.
Rre Legwaila o buile jalo bosheng mo phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Lejwana e biditwe ke mopalamente wa kgaolo, Rre Peter Siele yo gape e leng tona wa dikgaolo le tlhabololo magae.
Rre Legwaila o kopile batsadi go tshwaragana le barutabana gore seemo se boele mo taolong, ka jaana thuto e le botlhokwa mo botshelong jwa motho.
Bangwe ba batsadi ba ba neng ba tsene phuthego eo ba iteetse kobo moroko mafoko a ga mogokgo ba re komiti ya lekgotla la batsadi le barutabana mo sekolong seo ga e isike e dire ka jaana e ne e na le boitseme jo bontsi.
E rile tona a tsibogela kgang eo, a kopa mogokgo gore a bitse phuthego ya batsadi le barutabana mo lebakeng le le khutshwane.
O ba kopile gore mo go yone phuthego eo ba mo laletse, gammogo le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse, mokhanselara, kgosi, molaodi le mokwaledi wa khansele.
Rre Siele o boletse gore go utlwisa botlhoko fa maduo a sekolo a wela tlase ka ntlha ya go tlhoka go tshwaragana ga batsadi le barutabana, ka go koafatsa bokamoso jwa bana.
Mo go tse dingwe banni ba Lejwana ba boleletse mopalamente fa ba tlhaelelwa ke metsi mo motseng wa bone, selo se ba boletseng fa se busetsa ditlhabololo tsa motse wa bone kwa morago,ba ne gape ba ngongorega ka go tlhoka mahudiso, le ka tsela ya sekonotere go bo e sa agelelwa.
Le fa go ntse jalo ba lebogetse go bo kokelwana ya bone jaanong e na le mooki, ba bo ba lebogela go phatlaladiwa ga motlakase mo motseng wa bone, mme ba kopa gore o gokelwe kwa sekolong se sebotlana ka jaana diphaephe tsa motlakase tsone di setse di tsentswe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Jan 2013






