Breaking News

Seboko sa segopa se tlhasetse

10 Jan 2013

Lephata la temothuo le itsise setshaba gore lefatshe leno le wetswe ke seboko sa segopa, se se ganyaolang dijwalo le tlhaga, bogolo jang mo mafudisong.

Pego e e tswang kwa lephateng le e boletse fa seboko seo se bonwe kwa dintlheng dingwe tsa lefatshe leno di akaretsa Mmopane, Gakgatla, Gweta le  Makalamabedi, Shorobe, Shashe, Maun, Matlapana, Chanoga le Gumare.

Pego eo ya re lephata la temothuo le tsaya dikgato go lwantsha seboko seo go se thibela go anama, e bile ditlhopha di setse di tlhantlhetse mo mafelong mangwe.

E tlhalosa fa go dirwa tshekatsheko le peo leitlho ya go bona gore seboko se se aname go le kae, ka jalo e kopa setshaba go  begela balemisi kgotsa lephata kwa mogaleng o o sa duelelweng wa 17755 fa se bona seboko se go belaetsang e ka nna se sa segopa.

Pego eo e boletse gore labofelo seboko seo se wa mo lefatsheng leno e ne e le ka ngwaga wa 1991 kwa kgaolong potlana ya Tutume.

E supa gore seboko se ka baka tshenyo e e tseneletseng mo dijwalong le phulo, ka gore se ja bosigo le motshegare.

Pego eo e supa gore seboko seo ke lesika la serurubele se setona se sefitshwa, se gantsi se bonwang gantsi fa diponeng.

 E supa gore leina le la segopa le tswa mo go reng seboko se tsamaya ka dipalo tse dintsi, se tswa mo majannye, se tsena mo masimong.

Pego ya bobegadikgang e supile gore seboko seo se setala fa se sa ntse se le sennye mme fa se gola se a fetoga, se nne sentsho, ka meradi e e mesweu, mo ditlhakoreng.

Pego e supa gore tlhogo ya seboko seo e sesafetse kwa morago mme e ya nna sephara kwa pele.

Ya re se boleele jwa disenthimithara di le tlhano. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Pego

Date : 10 Jan 2013