Breaking News

Se kopanyeng ARV le nnotagi

27 Jun 2013

Mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng Botlhaba, Rre Liakat Kablay, a re Batswana ba tshwanetse go gakologelwa fa melemo e e ritibatsang mogare wa HIV, e diretswe go ritibatsa mogare e seng go o fedisa gotlhelele. Ka jalo a re go botlhokwa gore ba ikgaphe mo go tsenweng ke mogare.

Rre Kablay a re go sa ntse go na le bangwe ba ba sa tseyeng boikarabelo jwa go nwa dipilisi tsa ARV ka ba re ga di duelelwe. Mopalamente o ntshitse kgakololo eo kwa motseng wa Ngware kwa kgaolong ya gagwe ya botlhophi fa a ne a etetse banni ba motse oo go ba lekola bosheng.

O kopile Batswana go itlhokomela ka go tsaya boikarabelo ka botsogo jwa bone gore ka ngwaga wa 2016 lefatshe leno le bo le na le tshaba e e itekanetseng. A re batho ba tshwanetse go tlhaloganya fa go le mo maruding a bone go tsaya maikarabelo ka go nna le botsogo jo bo itekanetseng.

O ba kopile go ikgapha mo go pataganyeng dipilisi tsa ARV le nnotagi, le go goga motsoko, a tlhalosa fa di ka baka malwetse a mangwe a a sa alafesegeng. O boletse fa bojalwa le jone bo na le seabe se segolo mo go godiseng dipalo tsa batho ba ba tsenwang ke mogare wa HIV.

Baagi ba kopile gore ba okelediwe baoki kwa motseng oo le go godisiwa ga kokelwana ya bone gore e nne e e belegisang. Ba kopile le gore tsela e e tshwaraganyang motse wa bone le wa Letlhakeng e tokafadiwe. Mopalamente Kablay o ne a kopa banni ba Ngware go nna dipeloditelele, a ba solofetsa gore e tlaa tshelwa sekonetere fa madi a bonala. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Phutlhego ya kgotla

Date : 27 Jun 2013