Ipabalele ka go bula matlhabaphefo
27 Jun 2013
Setshaba, bakgweetsi le bapagami ba dikoloi tsa setshaba ba kopilwe go bula matlhabaphefo a dipalamo ka dinako tsotlhe.
Mafoko a, a builwe ke mogolwane wa lekalana la thuto ka bolwetse jwa kgotlholo e tona kwa kgaolong ya legare, Mme Baitsekgabo Majelantle kwa phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa maemelong a dipalamo tsa setshaba tsa Serowe bosheng.
Mme Majelantle o ne a kopa bakgwetsi ba dipalamo tsa setshaba go kokometsa dipampiri tsa melaetsa mo dipagamong tsa bone go anamisa molaetsa oo. O tlhalositse fa go ya ka dipatlisiso tse di dirilweng bosheng, kgaolo ya legare e le nngwe ya tse di amilweng thata ke bolwetse jwa kgotlholo e tona.
A re ba tsere tshwetso ya go rutela setshaba kwa se leng sentsi teng, ka ke nngwe ya ditsela tsa go atametsa ditlamelo kwa setshabeng. O boletse gore lephata la gagwe le ikaelela go fitlhelela seelo se se beilweng ke puso sa go nyeletsa kanamo ya mogare gotlhelele.
A re ba lemogile fa batho ka bontsi ba sa tseye bolwetse jwa kgotlholo e tona tsia, a tlatsa ka gore go tlhoka go bula matlhabaphefo a dipalamo tsa setshaba go borai ka go ka anamisa mogare wa bolwetse joo motlhofo.
Mme Majelantle o bile a supa fa a tshwentswe ke dintsho tse di oketsegang ka ntlha ya bolwetse joo, a supa fa mo ngwageng o o fetileng, go tlhokafetse batho ba le masome a marataro ka ntlha ya bolwetse jwa kgotlholo e tona. A re o tshwenngwa ke gore batho bangwe ga ba potlakele tlhatlhobo le ntswa go na le dikai le go sa tseye kalafi sentle fa ba setse ba tlhatlhobilwe.
O gwetlhile ba malwapa a ba ba amilweng ke bolwetse jwa kgotlholo e tona go potlakela go itlhatlhobela bolwetse. Mme Majelantle a re ba lephata la botsogo ba lemogile gore bolwetse jwa kgotlholo e tona bo tsamaelana thata le mogare wa HIV, ka jalo go le botlhokwa gore motho a itlhatlhobele megare eo ka bobedi.
O kopile setshaba se se neng se tshologetse mokgosi go tsaya molaetsa, go o fetisetsa kwa diphutlhegong di tshwana le dikereke le mekgatlho ka go farologana, kwa batho ba phuthegang ba le bantsi teng, go fokotsa kanamo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sethunya Malaakgosi
Location : SEROWE
Event : Phuthego ka bolwetse
Date : 27 Jun 2013






