Breaking News

Emelang bana ka dinao - tona

27 Jun 2013

Tona wa thuto, Dr Pelonomi Venson-Moitoi, a re kgodiso e e siametseng ngwana e tsamaile mme ka jalo a kopa batsadi go emela bana ka dinao.

Dr Venson-Moitoi o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la matsalo la mosimolodisi wa malwapa a bana a SOS lefatshe ka bophara mo Serowe ka mafelo a beke.

A re ke tshwanelo ya batsadi go ruta bana ba bone tsamaiso gore ba gole ba itse molao.

O ne a tlhalosa gore batsadi ka bontsi ba rutile bana ba bone gore ba na le ditshwanelo mme go nne thata gore ba ba kgalemele.

Dr Venson-Moitoi a re go leseletsa bana go ba senyetsa isago, ka gore ga ba gole sentle e bile ba itse fa ba kgona go fiwa sengwe le sengwe.

Tona o ne a tlhalosa fa batsadi ba rata bana ba bone thata mme ba lebala go ba ruta maano a botshelo.

A re mo sebakeng sa gagwe e le tona wa thuto, o lemogile fa bana ba ba dirang sentle mo dithutong tsa bone e le ba malwapa a a sokolang, mme ba ba tswang kwa malwapeng a a tshelang sentle ba sa dire ka tlhwaafalo mo dithutong tsa bone.

Tona o tlhalositse le gore mowa bolesika o setse o nyeletse mo Batswaneng, a tlatsa ka gore lesika ke one modi wa lelwapa.

Dr Venson-Moitoi re ga go na motho yo go tweng ga a na batsadi ka jalo ke tshwanelo ya mongwe le mongwe go bona gore bana ba SOS le bone ba tshela fela jaaka ngwana mongwe le mongwe.

Mookamedi wa SOS Botswana, Rre Motshwari Kitso, o ne a tlhalosa fa moono wa bone wa ngwaga ono e le go isa SOS kwa setshabeng. Rre Kitso a re bontsi jwa bana ba SOS ga ba itse masika kgotsa go nna le bagolo ke sone se ba boneng go le botlhokwa go laletsa bagodi gore ba tle ba keteke letsatsi le le bana ba.

A re gantsi mo magaeng a bone ga go na bagolo, mme a kopa setshaba go nna ba ikopanya le magae a bone go etela bana, ba ba ruta ngwao, ditso kana thuto efe fela e ba ka tswang ba na le yone.

O weditse ka go kopa setshaba go ba tswa thuso, ka go ba fa sepe fela se ba ka thusang bana ba magae ka sone jaaka dijo, diaparo le tse dingwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : Serowe

Event : Ipelelo letsatsi la matsalo

Date : 27 Jun 2013