Breaking News

Batswana ba kopiwa go nna seopo sengwe

26 Jun 2013

Batswana ba kopilwe go nna seopo sengwe go dira mmogo gore ka ngwaga wa 2016 ba bo ba le setshaba se se bopaganeng.

Go kopile jalo Mookamedi wa Marketing Communication Ebat Rre Mompati Maruapula, fa a bula tshingwana ya merogo kwa Oodi mo kgaolong ya Kgatleng.

Rre Maruapula o boletse gore  Batswana ba tshwanetse go dirisa lengwe la matshego a Tebelopele ya Setshaba le le reng setshaba se se kutlwelo botlhoko, mme  ba abele ba ba tlhokileng lesego, gore ka  ngwaga wa 2016 ba bo ba le tshaba e e kgathalang ka bolhe.

 A re baagisani ba tshwanetse go tlholana le go botsana matsogo gore e re yo mongwe a na le mathata a kgone go thusiwa ke yo mongwe.

O boletse gore tshingwana e ya merogo ya ga Rre Solly Tlhagwane, e tshwanetse go nna e phophoma ka merogo ka dikgakololo tse di tswang mo morafeng le sekolo sa Odima JSS go rotloetsa Tlhagwane go oba letsogo ka go rekisa merogo ya gagwe.

 Rre Maruapula o kgothaditse Rre Tlhagwane go tlhokomela tshingwana ya gagwe a e nosetse le go reka melemo ya diji tsa merogo. A re o tshwanetse go itshetsa ka yone le ba lesika la gagwe.

O supile fa a eletsa gore e re ngwaga o o tlang a tla go mo tlhola a fitlhele a okeditse tshingwana ya gagwe a lema merogo e mengwe.

Mme Selinah Tlhagwane e leng mmaagwe Solly o ne a leboga sekolo sa Odima JSS, ka ba mo namotse mo leubeng ka go direla ngwana wa gagwe tshingwana ya merogo, mo nakong eno ba shaba le gone go rekisa merogo e e lemilweng ke Solly. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Georginah Morakanyane

Location : Mochudi

Event : Pulo Semmuso

Date : 26 Jun 2013