Mapodisi a tlhotlhomisa kotsi ya koloi
27 Jul 2017
Mapodisi a Tshane ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone, rre mongwe wa dingwaga tse di magare ga 25 go ya kwa go 30, yo o tlholegang kwa Ukhwi, a neng a tlhokafala morago ga go amega mo kotsing ya koloi kgwedi eno, e le 22 mo tseleng ya Ngwatle-Ukhwi.
Mo potsolotsong le BOPA, mookamela mapodisi a Tshane, Superitendent Vusimuzi Jorowe, a re Toyota Hilux le Landcruiser ya puso ke tsone di neng di amega mo kotsing eo mme dikoloi ka bobedi di ne di na le bapagami ba le bararo tsotlhe.
Mookamela mapodisi a re koloi tseo di ne tsa thulanela mo godimo ga thota mo tseleng mme ka lesego, mokgweetsi wa Landcruiser a kgona go falola ka dikgobalo tse di potlana a bo a kgona go begela mapodisi tiragalo eo.
Mokgweetsi wa Toyota Hilux o ne a ragosediwa kwa kokelong potlana ya Hukuntsi, kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse, fa ba borre ba bangwe ba ne ba bona dikgobalo tse di potlana mme ba gololwa gone foo.
A re bapalami ba koloi ya puso bomme ba babedi ba ne ba bona dikgobalo tse di masisi mo mmeleng mme bone ba ragosediwa kwa sepateleng sa Princess Marina kwa a boletseng fa ba sidilega.
Superintendent Jorowe o tlhalositse fa koloi ya Toyota Hilux e ne e pegile tau e e suleng e go belaelwang e le ya bogodu.
A re tau eo ba e neetse lephata la diphologolo go e tshegetsa fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse go batlisisa kwa babelaelwa ba tsereng tau teng le se se ka tswang se bakile kotsi eo.
A re borre ba le babedi ba mo diatleng tsa mapodisi go ba thusa ka ditlhotlhomiso tsa tau mme e bile ba setse ba itshupile fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata kwa Hukuntsi mme ba tlaa boa morago ga dibeke tse pedi.
Mo go tse dingwe Supt Jorowe a re o tshwentswe ke dikotsi tsa tsela tse di gapang matshelo a batho ga mmogo le dipolaano mo kgaolong ya bone.
A re monongwaga, go setse go tlhokafetse batho ba le babedi ntateng ya dipolaanong le ba le babedi mo dikotsing tsa tsela. O rotloeditse batho go nna ba kopa thuso ka nako tsotlhe fa ba na le matshwenyego. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebo Mogapele
Location : HUKUNTSI
Event : Potsolotso
Date : 27 Jul 2017






