Maano ga a site
23 Jul 2017
Kgang ya gore maano a botshelo ga a site go sita a loso e rurifaditswe ke botshelo jwa ga Mme Tiroyamodimo Machete yo o itshetsang ka go itshwaratshwarela ka diatla tsa gagwe.
Fa a tlogediswa tiro ke bolwetse ka 2000 bangwe ba ne ba akanya gore go fedile ka botshelo jwa gagwe, mme mme yo a seka a thuba kobo segole.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mme Machete wa dingwaga tse di masome matlhano le bobedi wa kgotla ya Makolo kwa Serowe o bolela gore o ne a direla kwa lephateng la Tribal Administration go fitlhelela ka 2000.
Go tswa mo tirong ga mo kgothatsa go bona gore o dira jang go itshetsa.
“Ke ne ka lemoga fa matlakala a ka dirisiwa gape go itsa leswe mo tikologong, mme ka seka ka ipona tsapa,” ga bua Mme Machete.
Fa a tlhalosa a re o simolotse a dirisa magobe, moroko le dikhatebokose go dira mekgabisa ya diphologolo.
O tlhalosa fa a ne a fetogela mo go direng mekgabisa ka diwaere le dikoranta.
“Ka go twe dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe, ke ne ke kile ka bona mongwe a dira mekgabisa e kwa Selebi Phikwe, mme ka tsaya malebela,”ga bua Mme Machete.
Fa a fudugela mo Serowe ka 2005, o ne a rotloediwa ke ba lephata la Public Health go tswelela a somarela tikologo ka go dirisa matlakala.
Mogwebi yo o tlhalositse fa a ne a tia moko mme a atolosa madirelo ka go loga mealo ya bodilo le ditafole ka dikhakha.
A re o dira diphate ka dikgetsi tsa diphaletshe le dibata tsa dijeremane.
E rile a tlhalosa Mme Machete a re ntswa batho ba ne ba nyatsa mogopolo wa gagwe, a tswelela fela ka gore o ne a setse a itse maduo e le a a nametsang go na le jaaka fa a le kwa Mathathane.
“Ke lemogile fa batho ba amogetse kgwebo ya me ka gore ke simolotse ka go direla ditshupo, mme ka fenya le tsotlhe tse ke neng ke di dirile tsa rekwa,” ga tlhalosa Mme Machete.
O tlhalosa fa bontsi jwa batho ba bonang tiro ya gagwe ba mo rotloetsa ka go reka le go mmolelela fa ba na le kgatlhego.
Mogwebi yo o tlhalositse gape gore o sela mabotlolo a dino tsididi go a rekisa.
“Ntlo e ke bapileng le yone e ke dikamore tse pedi, tse ke di agileng ka madi a mabotlolo ka gore fa ke a rekisa a mpha bo P5 000 mo dikgweding tse pedi,” ga bua Mme Machete.
Mme yo, a re le fa go se bonolo go simolola kgwebo, seo ga se reye gore ba phuthe matsogo.
O tlhalositse fa puso e ntshitse mananeo a mantsi e bile a thusa ba ba mo letlhokong gore ba fitlhelele ditoro tsa bone ka Motswana a rile mokoduwe go tsosiwa o o itekang.
Mme Machete o rotloetsa Setshaba go tla go ithuta tiro e a e dirang ka gore e motlhofo e bile ga e dirise madi a mantsi mme e tsenya madi a mantsi ka gore mo ditshupong o kgona go tswa ka P2 000 mo letsatsing.
Fa a leboga Modimo ka kgwebo ya gagwe a re ga a sa tlhole a na le bothata jwa madi mo lapeng le ditlamelo tsa lelwapa o di bona motlhofo.
Mogwebi yo a re fela jaaka kgwebo nngwe le ngwe, kgwetlho e a nang le yone ke go tlhoka lefelo la go ruta batho ka matlakala le go dira di-tswa matlakaleng.
“Bophepa ke jone moono e bile o sa kgotlele tikologo,” go tlhalositse Mme Machete.
E rile a digela, Mme Machete a rotloetsa Batswana ba ba nang le keletso ya go dira kgwebo e go simolola ka lebaka la gore e motlhofo le go rekisa a rekisa gongwe le gongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keneilwe Gagoiponwe
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 23 Jul 2017






