Breaking News

Kgosi o kopa morafe go tshwaragana

20 Jul 2017

Kgosi Samson Kudume wa Kokotsha o kopile morafe wa gagwe go tshwaragana gore motse o tle o kgone go tlhabologa ka bonako.

O buile jaana fa a ne a amogela morafe o o neng o tshologetse kwa motseng oo ka malatsi a boitapoloso ba tsile go ijesa monate ka mabelo a dipitse a a tshwarwang koo ngwaga le ngwaga.

Kgosi o ne a supa fa jaanong go na le mabala a le mabedi mo motseng mme barulaganyi ba mabelo a dipitse ba ganne go dirisana.

A re keka moo jaanong ba iphitlhelang ba tshegeditse dikgaisanyo mo mabaleng a mabedi.

O supile fa go tlhoka go tshwaragana moo go na le bokgoni jwago kgaoganya motse le gone gore dipoelo e seka ya nna tsone ka jaana go raya gore ba kgaogana babogedi.

Kgosi Kudume o supile fa a tlaa tswelela a ntse a bua le bana ba gagwe gore ba bone gore ba ka dirisana jang mo isagong gore mabelo ao a gole.

Mo go tse dingwe, mookamela mapodise a Werda, Rre Mompoloki Ramatsia o supile fa Batswana ba ne ba itshwere sentle mo kgaolong ya gagwe bogolo jang gone kwa mabelong a dipitse kwa batho ba neng ba tshologetse teng.

O tlhalositse gore ba tshwere batho ba le masome mane ka melato e e farologaneng e tshwana le wa go kgweetsa ba iphetisitse nnotagi, go taboga ka lebelo lele sa letlelelweng le go dirisa dikoloi tse di sa itekanenlang.

O tlhalositse fa ba tshwere motho a le mongwefela mabapi le molato wa go tlhoka go itshwara sentle le yo mongwe ka molato wa go gweba a sena teseletso.

O gakolotse Batswana go iphapha mo go nweng ba kgweetsa, a re bogolo ba nne ba tsamaya le mongwe yo o sa nweng gore a tle a kgweetse.

Rre Ramatsia a re o itumeletse gore e re le ntswa kgaolo ya gagwe e saila leruo mo ditseleng, bakgweetsi ba itshwere sentle ka gore ha gona molato ope wago thula leruo mo malatsing a boitapoloso.

O gakolotse ba dikara tsa ditonki go dirisana le bakgweetsi ba bangwe sentle ka go tsenya dikara tsa bone dipone tsedi bontshang kara mo lefifing.

Gareng ga boidiidi joo go ne go na le mothusa mokwaledi wa lephata la banana le itloso bodutu Rre Mogomotsi Kaboyamodimo, modulasetilo wa BALA Rre Mpho Moruakgomo le makhanselara go tswa mo dikhanseleng ka go farologana. BOPA

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Kokotsha

Event : Mabelo a dipitse

Date : 20 Jul 2017