Breaking News

Thuto kgetsi ya tsie

19 Jul 2017

Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Poloka mo kgaolo potlana ya Shoshong, Rre Kgokonyana Kgokonyana a re gore thuto ya ngwana e atlege go tlhoka tirisanyo mmogo fa gare ga barutabana le batsadi.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, Rre Kgokonyana a re le ntswa batsadi bangwe ba sena seabe mo thutong ya bana ba bone, matlhoko a sekole sa gagwe a mmalawanyana mme se se tlhotlheletsa gore maduo a baithuti mme segolo bogolo a lekwalo la bosupa e nne a bokoa.

Rre Kgokonyane a re ngogola mo maemong a ABC ba tsere 60 per cent mo lekwalong la bosupa le ntswa ba ne ba ipeetse seelo sa 80 per cent.

Rre Kgokonyana a re ba itemogetse gore bana ka bontsi ga ba na tlhokomelo e bile ba nna ba le nosi ka gore gantsi batsadi ba a bo ba le kwa merakeng kgotsa masimo, se se dire gore bangwe bana ba felele ba tswa mo sekoleng kgotsa ba ba se itshokelang ba tle ba le mo seemong se se sa nametseng.

O tlhalosa fa bana ba kgona go tla sekoleng ba sa tlhapa kgotsa ba sa bona diamaleng, a tlatsa ka go re bangwe ba tlolwa ke dithatlhobo mme se se felela se digela boleng kwa tlase.

Rre Kgokonyane o tlhalositse fa barutabana ba tlhaela mo sekolong,a re barutabana ba a nang le bone ba lesome mme ba bararo e le babereki ba nakwana.

Rre Kgokonyana are boroko ja barutabana bo a tlhaela kagore matlo a barutabana a tleng a mane fela,a tlatsa ka gore dibuka le tsone di a tlhaela ka jalo go nna dingalo gore neelano ya thuto e tsamae sentle.

A re ba na le kgwedi gase e apeelang bana e ntse e fedile mme se se pateletsa baithuti go tla ka dikgong tse di apayang mme bangwe ba sa tle ka dikgong mme kapei e felele e ntse dingalo,a re se sengwe se se digelang thuto ko tlase ke letlhoko la metsi ka a tshabelelwa ke go kgala gangwe le gape.

Rre Kgokonyana a re ba tlhamile methale e e ka lekang go suga baithuti gore maduo a tokafale. A re ba tlhamile ditlhotshwana tsa baithuti ba lekwalo la bosupa ba di dira ba lebile gore ngwana o palelwa ke thuto e fe thata mme barutabana ka bongwe ka bongwe ba a ba amogana. BOPA

Source : BOPA

Author : Moleleki Tsholofelo

Location : Poloka

Event : Potsolotso

Date : 19 Jul 2017