Breaking News

Go gola ga dikgotlana go a tshwenya

20 Jul 2017

Mogolwane wa lephata la makgotla a Setswana Mme Masego Mooketsi a re go oketsega ga dikgotlana ke selo se se tshwentseng puso ka le yone palo e e tlhokegang gore kgotlana e godisiwe di sa goroge kwa go yone.

Mme Mooketsi o buile jaana fa a ne a bula semmuso phuthego ya bobedi ya lekgotla la dikgosana la Botswana mo Maun ka mafelo a beke. Phuthego eo e ne e tsenwe ke dikgosana go tswa mo lefatsheng leno lotlhe.

A re go oketsega moo ga dikgotlana go tlaa felela go pateletsa puso go emisa dikgotlana, a tlhalosa fa go gola moo go setse go dirile gore le one madi a dituelo tsa dikgosana a oketsege go nna  sedikadike.

A re se se botlhoko ke gore bangwe ba bone le go theogela ga ba theogele le ntswa ba ne ba filwe malatsi a mabedi mo bekeng. O bile a ba gakolola gore le fa ba sena dingwaga tsa go ka tlogela tiro fela ba tshwanetse ba lebelela gore a botsogo kana dikgwetlho tsa botshelo di ba letla go ka theogela.

Mme Mooketsi o beile sekai ka bangwe ba a reng o fitlhela motho a lwala mo a palelwang le ke gone go tsamaya mme a ntse a ganelela foo, a re nako eo ke yone e motho a ka itholang tiro mme ga tlhophiwa yo mongwe.

O tlhalositse gape gore e re ka puso e ne e tshwentswe ke ba ba nang le melato mme ba fitlhelwa mo maemong ao, a re gompieno ba ba tsaya menwana go rurifatsa fa tota ba lekgatlhanong le borukutlhi ka a re tota fa o le serukutlhi tiro eo ga se ya gago.

Le fa go ntse jalo, o bile a ba akgolela go bo ba bonye go tshwanela gore ba itlhamele mokgatlho wa bone, a re o tlaa thusa go ba gokaganya le boeteledipele fa ba na le dikgang tse ba batlang go bua ka tsone.

O ba kopile go emisa dikgotlhang mme ba tshwaragane jaaka ngata ya dikgong gore ba kgone go fenya mathata a bone go le ledula le thitibalo.  

Mme Mooketsi o ba itsesitse gape gore e re le ntswa ba na le bothata jwa ditsompelo, puso e kgonne gore ngogola e godise dingwe tsa dikgotlana di le 38 fa monongwaga e godisitse di le 46.

O ne a ba solofetsa fa dingwe tsa dikgotlana di tlaa agelwa mo NDP 11, a tlhalosa fa puso e dumalane gore ga e sa tlhole e godisa bodirelapuso mme a re seo ke sone se se dirang gore dikgotlana di neelwe dikatso e seng dituelo.

A re ba santse ba buisana le dibanka dingwe go bona gore ba ka fefosa dituelo jang, ka a re ba itse gore bangwe ba na le madi a a tshwanelwang ke go gogwa ka nako mo go bone.

Mothusa motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Bringle Dithapo o ne a ba akgola a re fa e ne e se ka bone ba ka bo ba sa kgone ditsheko kwa dikgotleng tse di tona. O bile a kopa Mme Mooketsi go thusa dikgosana ka ditsompelo jaaka ditempe; a re ba bolawa ke mosepele ba ya gokopa setempe kwa kgotleng e tona.

Modulasitilo wa lekgotla leo Kgosi Basiamang Garebakwena e ne o tlhalositse fa bokopano joo e le jwa bobedi a bolela fa ba simolodisitse mokgatlho oo ka ngwaga wa 2012, mme a re bokopano jwa bone ke go tla go bua ka tse di amang matshelo a bone le gone gore ba isa jang mokgatlho kwa pele.

O tlhalositse fa ba kopa mo bogolwaneng jwa bone go ba direla dipampitshana tse di supang madi a dikamogelo gore le bone ba kgone go kopa mananeo a tshwana le Ntlhatlose kwa Morakeng. BOPA

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : Maun

Event : Phuthego

Date : 20 Jul 2017