Monana o lwantsha masula ka motshameko
19 Jul 2017
Malatsi a boitapoloso a tlwaelegesile ka go ngoka tsotlhe tse di sa jeseng diwelang jaaka tiriso botlhatswa ya nnotagi, borukutlhi, dipolao le tse dingwe.
Mo go lekeng go lwantsha botlhakatsebe joo, monana go tswa Omaweneno, Mme Seboifeng Magano o ne a bona go le botoka go dirisa motshameko wa kgwele ya dinao go kgapha banana mo go inaakanyeng le tsa borukutlhi .
Mo potsolosong le BOPA kwa Omaweneno ka Mosupologo, mme Magano a re dikgaisano tsa kgwele ya dinao tse di neng di tsherwe ka malatsi a boitapoloso di atlegile ka ba sa itemogela borukutlhi bope ka banana ba ne ba olesegela kwa mabaleng go tla go ema ditlhopha tsa motse nokeng.
A re tiro o ne a e tshwaraganetse le borara jwa motse, a bolela fa maduo a yone a itumeletswe ke mabutswa pele a motse wa Omaweneno ba ba tswang kgakala ba sa itumedisiwe ke maitsholo a banana ka malatsi a boitapoloso.
Mme Magano, yo o dingwaga di masome mararo le boraro, o tlhalositse fa gape a ne a dirisa dikgaisanyo go tsosa serodumo sa kgwele ya dinao mo Omaweneno, selo se a reng o itemogetse se wetse tlase.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Samuel Bimbo o lebogetse maiteko a lwapa loora Magano a go thusa puso go lwantsha botlhokatsebe, a re maitsholo a a sa siamang a ne a sa ba robatse, a gatelela fa go ne go rena kagiso mo Omaweneno ka banana ba ne ba etisitswe megopolo ke lobebe la kgwele ya dinao.
Dikgaisanyo di ne di thulantse ditlhopa tsa Omaweneno tse tlhano e bong Black Eagle, Manchester, Juventus, Junior Boys le Western Pirates. Black Eagle jaaka bafenyi ba ne ba abelwa P1 000, kopi le dietsele tsa gauta fa setlhopa sa Manchester se tseere maemo a bobedi mme ba iponela P750 le dietsele tsa selefera fa se se feditseng mo maemong a boraro sa Juventus se iketse gae ka P350.
Mme Magano a re maikaelelo ke go dira dikgaisanyo tse ngwaga le ngwaga go oka batho. O boletse fa ba tlaa kopa dithuso kwa barotloetsing le boradikgwebo gore ba oketse ditlhopha.
Morago ga motshameko wa bofelo, Mme Magano o ne a abela sekole se sebotlana sa Omaweneno didirisiwa tsa thuto tse di lopileng P468. Dimpho tse di amogetswe ke ba lekgotla la PTA. BOPA
Source : BOPA
Author : Tebogo Kgathileng
Location : Omaweneno
Event : Potsolotso
Date : 19 Jul 2017






