Breaking News

Tshekatsheko ya nyeletso lehuma ga e lebe matlo

19 Jul 2017

Mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane,  Rre Vincent Seretse o latotse gotlhelele mabarebare a a reng tshekatsheko ya nyeletso lehuma e leba gore baikopedi ba na le matlo a sebopego se fe gore ba atlege mo lenaneong leo.

Mopalamente Seretse, yo e bileng e le tona wa lephata la peeletso, papadi le madirelo, o buile jaana ka Labobedi fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Mahetlwe.

Rre Seretse o rurifaditse kgang e morago ga gore monni mongwe wa Mahetlwe e bong Rre Babedi Keabilwe a ngongoregele gore ga a kgotsofalele ka fa bommaboipelego ba dirang ditshekatsheko tsa lenaneo la nyeletso lehuma ka teng. 

A re dipotso tse di bodiwang le go lebelela sebopego sa matlo a a agilweng di tsile go paledisa bana ba bone go annywa meamuso ya puso e tshwana le lenananeo la nyeletso lehuma.

Rre Keabilwe are bana ba felela ba retelelwa ke go tsaya mananeo ao ka lebaka la gore batsadi ba bone ba agile bonno jo bo rileng ntswa matlo ao e se a bana ba ba ikopelang mananeo mme e bile bone batsadi ba ba agileng bonno joo, le go bereka fa gongwe ba sa tlhole ba bereka. Ka jalo a gatelela gore golo moo fela ka bo gone go beile bana ba bone ka fa mosing mme ebile ba tla palelwa ke go itshetsa.

Fa a tswa la gagwe mmaboipelego wa kgaolo ya Lentsweletau Mme Desiree Thobega are fa ba dira ditshekatsheko tsa bone ga ba lebelele matlo mme ba a bo ba batla go bona gore a botlhoki bo teng ka boammaruri.  

O bile gape a gatelela gore botlhoki bo supiwa ke dilo tse dintsi di tshwana dikago le tse dingwe.

Mo go tse dingwe banni ba Mahetlwe bare ba lela ka tsela ya Lentsweletau-Kweneng, bare ba batla e tshelwa sekonotere.  Rre Kelekamang Keobatile mongwe wa banni are ga a itumelele ka fa madi a dikgaolo a kgaogantsweng ka teng.

A re banni ba motse ba ne ba kopile go direlwa megotlha e mebedi le letamo.  Ka jalo o kopile mopalamente gore dikeletso tsa morafe di nne di tsibogelwa.

Mopalamente Seretse o tsweletse ka go buisa diphuthego mo kgaolong ya gagwe a lekodisa banni ba metse ka go farologana ka dikgang tse di tswang palamenteng le gone go tsaya megopolo mo go bone go ya palamenteng e e latelang. BOPA

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Mahetlwe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Jul 2017