Sejo sennye...
19 Jul 2017
Motswana yoo kileng a re sejo sennye ga se fete molomo o ne a opile kgomo lonaka.
Se se rurifaditswe ke Mme Bapogha Masheto yo o itshetsang ka go loga mebese.
Ka go twe maropeng go a boelwa, mme yo wa kgotla ya Kgama kwa Khumaga ka go lemoga fa a ne a sa dire madi a sepe ka go thusa mo malwapeng a batho kwa Maun, a bona gore go botoka a ye go leka kwa gae.
Tota a boa jaana mogopolo o le mongwefela, go ya go tsweledisa se mmaagwe a kileng a se mo ruta fa a ntse a gola, e leng go loga le go roka.
Ntswa mmaagwe a sa tlhole a bona, thuto e a neng a e anywile mo go ene e santse e le ntsi.
Mme Masheto o ne a simolola go loga mebese a dirisa mologo wa segompieno wa hikili.
“Kana mologo o o mosha mo bathong ka bontsi, mme nna mme o ithutile fela ka bo ene, a bo a nthuta. Ke nna fela mo metseng e e ka kwano o ke o logang, e bile ke rekisa mebese ya me mo magaeng a a gaufi.”
Mme yo wa dingwaga tse di masome matlhano le borobabobedi, a re go loga fela ke gone go mo tshetsang. A re ntswa tlhale e a e dirisang e tura, ga a lale ka tlala. Mmese o le mongwefela o dirisa ditoloki tse pedi tse di lopang P60, mme e bile di rekwa kwa Maun fela.
A re ntswa keletso ya gagwe e le go loga dilo tse dingwe jaaka dijesi le diphontsho, seo ga se kgonagale ka dilo tsa go nna jalo di ka dirisa ulu e ntsi.
“Mmese o le mongwefela ke P100 jaanong jesi e ka lopa bokae? Mo bogompienong ke na le batho ba ba kolotang mebese, jaanong fa ke ka dira dilo tse di kgolwane sekoloto se ka fetelela.”
Mme Masheto a re ntswa a na le keletso ya go atolosa kgwebo, o lemogile fa se se tlhoka tlhaloganyo e e tseneletseng, ka jalo a bone gore go botlhokwa go tsena ga e golelwe ka a ise a ke a itewe seatla.
“Ke dumela gore fa ke ne ke tsene sekole ke ka bo ke ka kgona go dira go feta fa. Kana go sa itse go bala le go kwala le gone go dira gore o tshabe go iteka lesego mo dilong tse dingwe. O ipotsa gore a o tlaa kgona tota kana jang.”
A re ntswa a na le keletso ya go tsaya mananeo a puso, o kgojwa marapo ke a a tlhokang gore motho a ntshe seabenyana.
Mma Masheto a re batho ba kgatlhegela tiro ya gagwe, ka jalo se se mo fa moko wa gore a ikopanye le raboipelego go mo gakolola.
A re mo bogompienong banni ba mo motseng ke bone ba rotloetsang kgwebo ya gagwe.
“Keletso ya me ke go reka letlapa le le logang ka se se ka dira gore bontsi bo kgatlhegela tiro yame. Go loga ka letsogo go mpolaisa setlhabi gape ke kgona mebese e le mebedi fela ka letsatsi. Ka letapa nka diraa go le gontsi, e bile ke ka tlhwaafalela le go roka mesese.”
A re fa a ka kgona seo, o ka kgona go ipapatsa kwa mafelong a a tshwanang a ditshupo. BOPA
Source : BOPA
Author : Lucretia Chima
Location : Khumaga
Event : Potsolotso
Date : 19 Jul 2017







