Bogakolodi bo lolea - Seametso
18 Jul 2017
Modulasetilo wa khansele ya borwa, Rre Alec Seametso o ngongoregile ka bodiredi jo bo gakololang khansele ya borwa, bogolo jang ka tsa se molao.
O supile se mo phuthego ya khanseleng morago ga gore makhanselara mangwe ba ngongorege fa bodiredi bo dira diphoso mo go gakololeng khansele ka ditsamaiso, bogolo jang tsa molao (standing orders).
Ngongorego e, e bakilwe ke gore khansele-potlana ya Kanye e nne le mathata mo ditlhophong tsa modusetilo le mothusi wa gagwe tse di neng tsa tsosa modumo mo go feletseng mokhanselara wa UDC, Rre Kennedy Otlaadisa,a isa khansele kwa kgotleng ya ditsheko mabapi le tsamaiso ya ditlhopho.
Rre Otlaadisa o ne a latlhegelwa ke kgang ka ditshenyegelo.
Rre Seametso o boletse fa khansele e ne ya seka ya gakololwa sentle ka gore bangwe makhanselara ba ne ba sa letlelelwa go tlhopha le mororo ba na le tshwanelo.
Khansele-potlana e ne e batla gore ditlhopho di boelelwe morago ga bogakolodi.
Kgang eo e ne ya seka ya itumedisa modulasetilo mo a tlhalositseng fa e le kwa mohiring, go bona gore o ka dirang ka bogakolodi jwa khansele.
Modulasetilo o kgadile a menne phatla bogakolodi jo bo lolea, a re bodiredi jwa khansele bo tshwanetse go gakolola ka botswapelo e seng go lomeletsa khansele. BOPA
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Kanye
Event : Phuthego ya khansele
Date : 18 Jul 2017






