Breaking News

Kgosi wa Menyatso o beilwe

18 Jul 2017

E ne e le boitumelo le megolokwane jaaka kgotla ya Menyatso kwa Serowe e ne e tshwere moletlo go ipelela peo ya kgosi bosheng.

Kgosi David Nkobela o ne a tsaya bogosi morago ga go bo tshwarelelwa dingwaga di le masome mane ke borangwaneagwe ka go farologana, wa bofelo go bo tshwarelela e le, Kgosi Kesenkang Selepeng.

Kgosi o sa le a tshwarelelwa bogosi morago ga go latlhegelwa ke mogolowe e bong Kgosi Tloto Nkobela ka 1977, fa rraabo e bong Kgosi Ngwako Monnye ene a sale a tlhokafala ka 1956.

Fa a laya Kgosi, Kgosi Phokontsi Seeletso o supile fa maemo a a filweng Kgosi Nkobela e le maemo a gagwe tota.

“Rata Morafe wa gago o o tseye ka tekatekano. O ba tseye ka lorato lo lo lekanang ka e le tshaba e o romilweng kwa go yone,” a supa.

O kopile kgosi gore a nne pelo telele, a mo eleletsa gore Modimo a mo fe botshelo jo bo leele, a supa fa ba ba tsereng setilo pele ga gagwe ba ise ba buse lobaka lo lo leele.

O supile fa Kgosi a le sego ka a na le bosireletsi jo bo lekaneng e bong borangwaneagwe.

“O reetse dikgakololo a bo o kope borangwaneago gore ba seka ba go katologa thata, gore o seka wa latlhega,” a laya.

Le fa go ntse jalo, o ne a gakolola kgosi gore fa a amogela dikgakololo, o tshwanetse go di sekaseka, ka dingwe di kgona go mo tsenya mo thaelong.

E re ka Kgosi Nkobela a ne a bewa le mohumagadi, Kgosi Seeletso, o supile fa e le mohumagadi wa morafe, yo morafe o ka sielang kwa go ene fa kgosi a galefile, e bile e le ene yo o ka gakololang a bo a digela mogopolo wa kgosi.

“Go sego jang kgosi e e bewang le mmaetsho,” a tlatsa.

Kgosi Seeletse o ne a kopa Kgosi Nkobela go tshwara ka thata le natla go isa morafe wa gagwe kwa pele.

“Kgosi ga a tshware morafe ka pelo, le fa mathata a ka tswa a le matona jang, e bile kgosi ga a lebale Modimo, jalo o seka wa lebala go rapela,” a gakolola.

Fa a amogela bogosi, Kgosi Nkobela o ne a ikana gore o tlaa dira ka natla jaaka go lopiwa.

O supile gore ka a ntse a katologane le morafe, go tlaa tsaya nako gore sengwe le sengwe se kitlane.

“Ke gorogile jaanong, mme go tlaa tsaya lobaka gore kgotla e e boele kwa e ntseng e le teng,” a supa.

E re ka Serowe a na le dikgotla kgolo tse nne, e leng Maaloso, Maaloso-a-Ngwana, Ditimamodimo le Basimane, kgotla ya Menyatso e wela ka fa tlase ga kgotla ya Maaloso-a-Ngwana mme e bile ke kgotlana e tona ka e na le ditkgotlana di le masome mararo le boraro. BOPA

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : Serowe

Event : Peo ya kgosi

Date : 18 Jul 2017