Breaking News

Kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana e a tshwenya

18 Jul 2017

Mogolwane wa Social Performance wa meepo wa Orapa Letlhakane le Damtshaa, Mme Ketsile Molokomme a re dikgang tsa kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana ke nngwe ya matshwenyego a matona lefatshe ka bophara.

Mme Molokomme o buile jaana kwa mogwantong kgatlhanong le dipetelelo, o o neng o rulagantswe ke sekole se segolwane sa Ditsweletse kwa Letlhakane bosheng.

A re dikgang tse di amang bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro di a tshwenya ka go a bo go tlhokofadiwa mewa e e senang molato.

Mme Molokomme o ne a akgola dikole tsa Letlhakane gammogo le setshaba go bo ba bone go tshwanela gore ba gwante kgatlhanong le dipetelelo tse di amang bana.

A re ba dira jaana go kgalemela le go sireletsa basetsana mo dikgannyeng tsa kgokgontsho.

O supile fa mongwe le mongwe a tshwanetse go ema nokeng bana ba ba amilweng ke dipetelelo.

O tlhalositse gore go tshwanetse ga emisiwa ditiragalo tse di masisi tsa dipetelelo tsa bana tse di tsweletseng, a tlatsa ka go re kgokgontsho ke selo sa maloba ga se dikgang tsa dingwaga tsa gompieno.

Mme Molokomme a re puso e eme ka dinao go lwantsha kgokgontsho ya bomme le basetsana, a tlhalosa fa e le nngwe ya mananeo a a tseetsweng kwa godimo.

A re mogwanto o o tsholetsa lentswe la selelo sa bana le setshaba kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le basetsana.

Kgaolo ya sepodise ya Letlhakane e gatisitse melato ya dipetelelo e le 35 mo go tsone di le thataro e le tsa bana ba sekole sa Ditsweletse.

Ditiragalo tse di gatisitswe mo dikgweding di le tharo.

Mme Molokomme a re go botlhoko ka gore dingwe tsa melato e segolobogolo tsa bana ga go a tshwarwa ope mo go tsone.

A re dikgokgontsho tsa bomme le bana di senyetsa bana bokamoso gape di kgona go ama botsogo jwa bone.

Mme Molokomme o ne a kgothatsa baithuiti go reetsa barutabana, batsadi le boeteledipele jwa motse.

A re ba itse fa mebele ya bone e le tempele ya Modimo, ka jalo ga e a tshwanela go leswafadiwa.

O kopile batsadi go tlhokomela bana a re ba seka ba loba dikgokgontsho tse di diragalelang bana gape ba seka ba gweba ka bana ba basetsana, ka go dira jalo e le molato. BOPA

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Letlhakane

Event : Mogwanto

Date : 18 Jul 2017