Tau e senang seboka e siiwa ke none e tlhotsa
19 Jul 2017
E re ka go twe bana ba kgwale ba bitsana ka molodi, Batswana ba bone gore ba boele kwa marakanelong a ditsela go ipatla le go ipatlisisa go bona gore ke ba dire jang gore ba boele mo ngwaong.
Mafoko a, a builwe ke motlhatlhelela dithuto tsa puo kwa mmadikole, Professor Thapelo Otlogetswe fa a simolodisa semmuso letsatsi la ngwao le go bula semmuso kgotla kwa sekoleng se segolwane sa Masilo ka Labone kwa Molepolole.
Professor Otlogetswe a re fa go buiwa ka ngwao, go buiwa ka kapari e e tshwanetseng, puo, maitsholo le dijo tse di supang tshaba fa e nankolwa mo go tse dingwe.
Mme ka jaanong tshaba ya lefatshe leno ka bophara e lemoga fa e fapogile mo seporong ka ngwao ya Setswana e e tsenetse ka ga reitse, ke ka moo ba ba tshwenyegileng ba batla go ikgata motlhala.
Professor Otlogetswe a re ga se molato wa bana go bo ba sa itse ngwao, a supa batsadi ka monwana fa e le bone ba ba bakileng seemo se go iphitlhelwang go le mo go sone.
O tlhalosa fa e rile mo go amogeleng thuto ga Batswana, ya bo e nna ‘nna ga ke batle ngwanake a bua Setswana’.
Professor Otlogetswe a re mathata a Batswana ba a dirileng ke go tloga ba itsa bana go tshameka le bana ba ba buang Setswana ba bo ba nna fa pele ga thelebishine e e buang sekgoa ba bo ba rutwa gore go bua Setswana ke go tlhoka thutego.
Ka jalo o kopile gore bana ba rutwe go bua sekgoa ka botswerere mme ba sa se tlhakanye le Setswana, a tlatsa ka go re, ‘puo ke yone e e re tlhalosang go feta sengwe le sengwe’.
O bile a gatelela gore Motswana o ka itlhabolola a bo a gola ka puo ya Setswana, ke ka moo a rotloeditseng botlhe go tlhoafalela go rotloetsa Setswana ka bophara jwa sone ka go twe tau e senang seboka e siiwa ke none ga e tlhotsa.
A re bana ba tshwanetse go rutwa gore go na le ditiro tse di tlhokang kitso e e tseneletseng ya Setswana le ngwao jaaka bobega-dikgang, boranodi kwa dikgotleng tsa ditsheko, bongaka, bolemisi le tse dingwe.
O kaile fa motho a ka dirisa gape kitso ya ngwao go dira kgwebo go itshetsa, mme metlhala e ya khumo, e seka ya ya go batlwa kwa mafatsheng a sele ka e ka bonwa mo ngwaong ya Setswana.
Morutabana e bile e le morulaganyi wa tiro ya letsatsi, Rre Kabelo Taukobong a re kgotla e e neng e simolodisiwa semmuso e agilwe ka go itemogela fa boitsholo jwa bana mo dinakong tsa gompieno bo fetogile.
A re ba tsere kgato e le borre gore ba kgone gore mo dingwageng tse di tlang ngwana wa mosimane a itse boikarabelo jwa gagwe mo setshabeng gore e re kamoso a sireletse wa mosetsana.
Ka jalo go tlhomilwe gore Laboraro mongwe le mongwe ke letsatsi la kgotla, go bua ka tse di amang baithuti le dithuto tsa bone go tokafatsa maduo.
Kgotla e na le kgosi, mothusa kgosi, boralekgotla, bakwaledi e le bana ba sekole.
Moithuti yo e bileng e le ralekgotla, Emmanuel Ontshotlile a re o itemogetse gore fa e sale kgotla e dirwa, botlhoka-tsebe mo sekoleng bo fokotsegile. BOPA
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : Molepolole
Event : Pulo ya kgotla
Date : 19 Jul 2017






