Dietsele di supa maiteko - Segotsi
18 Jul 2017
Baithuti ba le masome a supa le borataro gammogo le barutabana le babereki ba lephata la thuto ba le masome mabedi le borataro ba kgaolo-potlana ya Mahalapye ba abetswe dietsele go bo ba dirile sentle mo ngwageng wa 2016/17.
Kgaolo-potlana ya Mahalapye e e bopilwe ka dikgaolo di le nne tsa Shoshong, Sefhare/Ramokgonami, Mahalapye Botlhaba le Mahalapye Bophirima, mme e na le dikole tse dipotlana di le masome matlhano le bobedi, tse di fa gare di le lesome le botlhano le tse dikgolwane di le pedi.
E rile a bua kwa moletlong oo bosheng, Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye a re kabo dietsele ke nngwe tsela ya go supa gore go nnile le mofufutso wa phatla o o tshwanetseng go akgolelwa.
A re seo gape se supa fa boeteledipele bo ne bo dira ka natla go tsisa diphetogo le maduo.
O tlhalositse gore puso le yone e eme ka diano go kgothatsa gore go ntshiwe maduo mo tirong, bogolo jang mo mohameng wa thuto ka e bile maduo a baithuti ka bontsi a wetse tlase.
Kgosi Segotsi o ne a akgola boeteledipele jwa thuto mo kgaolo-potlana ya Mahalapye go bo ba bone go le botlhokwa go akgola tiro e ntle e e dirilweng ke baithuti ga mmogo le barutabana ka go supa fa le bone ba lemoga bomosola jwa go dira ka natla.
Fa a tlhalosa maikaelelo a dietsele tseo, mogolwane wa thuto wa kgaolo-potlana ya Mahalapye, Rre Elijah Masedi a tlhalosa fa ba bone go le mosola go ka abela botlhe ba ba dirileng sentle mo ditlhatlhobong tsa 2016/17.
Rre Masedi a re fa e sale ka 2015 kgaolo potlana ya Mahalapye e ntse e iteka, a tlhalosa gore ba itebagantse thata le thuto go tswa kwa moding e ka yone e akaretsang dikole tse di potlana le tse dikgolwane.
A re e re le ntswa ba na le dikgwetlho tse dintsi mo kgaolong ya bone ba dira ka gotlhe go bona gore ba ntsha maduo e bile ba rotloetsa mowa wa go dira ka natla mme ke ka moo ba dirileng kabo dietsele eo.
A re dikgwetlho di akaretse letlhoko la boroko jwa barutabana gammogo le bodiredi, letlhoko la ditsompelo bogolo jang ka kgaolo e le kgolo e bile e na le dikole tse dintsi.
O ne a tlhalosa gape gore kgwetlho e nngwe e tona ke letlhoko la dipalamo tse di ba paledisang go isa bana kwa dikgaisanyong tsa metshameko kgotsa tsa thuto. BOPA
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgathi
Location : Mahalapye
Event : Kabo dietsele
Date : 18 Jul 2017






