Kgosi Mapulane wa Manaledi o tlhokafetse
13 Jul 2017
Kgosi wa pele wa Manaledi, Kgosi Kgothwane Mapulane o tlhokafetse kgwedi eno e tlhola malatsi a le matlhano morago ga go lwala sebakanyana mme o tlaa bolokwa ka Matlhatso (July 15).
Kgosi Mapulane o tshotswe ka ngwaga wa 1929 mme a tlhongwa kgosi ya Manaledi ka 1979 a tsaya mo go Rre Spaa Motshidisi yo e neng e le mogolwane wa motse mme a mo tshwareletse bogosi ka a ne a santse a le monnye.
Ngwana wa gagwe, Mme Masego Molefhi o boletse fa Kgosi Mapulane e ne e le moruti e bile e le ngaka ya setso, tiro e a neng a tswelela ka yone le ntse a le mo bogosing mme kgabagare a tlogela boruti ntateng ya bokoa.
Mme Molefhi a re Kgosi Mapulane o ne a tle a tlhalose fa morafe wa Manaledi e le Bapedi ntswa ba bitswa Batswapong ka jalo a re Kgosi Mapulane o ne a dumela mo ngwaong ya Bapedi ka e ne e re ka paka ya dipula a bo a tsaya karolo mo go kopeleng morafe pula le gone go kopela ba ba lwalang kalafi kwa Goo- Moremi.
Kgosi Mapulane o ne a tlogela bogosi ka 2010 a neela ngwana wa gagwe, Kgosi Batwaetse Mapulane yo e leng ene kgosi ya Manaledi mo bogompienong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Ka Portia Rapitsenyane MANALEDI -
Event : Potsolotso
Date : 13 Jul 2017






