Makgadikgadi a tlhasetswe ke ditau
13 Jul 2017
Barui mo tikologong ya Makgadikgadi le dikgaolo tse di mabapi ba lela ka ditau tse di ba apesitseng kobo ka letshoba ka di ba jela dikgomo.
E rile a bua mo potsolotsong, mongwe wa barui ba kgaolo, Rre Richard Setshwano o tlhalositse fa ditau di itirela go rata le go kgona ka leruo la bone ka kakaretso.
O tlhalositse fa a setse a latlhegetswe ke dikgomo di ka tshwara lesome le boraro, dipodi di le lesome le bongwe le ditonki di le nne mo ngwageng ono fela.
Rre Setshwano o tlhalositse fa maiteko otlhe a ba lekang go a dirisa go hema seemo, a iteile se fololetse. O ne a tswelela a tlhalosa fa go rua ntsa e e disang leruo e le mangwe a maiteko a ba a lekileng mme a setse a retetse ka dinkwe le ditau di felela di bolaya di bo di e ja dintsa tseo.
“Rona mo kgaolong e, re robala le dintsa mo matlong, fa o ka e tlogela ko ntle o tlaa fitlhela maloba e le maabane. Ditau le dinkwe tsa naga e, di ja dintsa ka jalo go thata go disa ka ntsa,”ga tlhalosa Rre Setshwano.
Rre Setshwano o tsweletse ka go tlhalosa gore ditau tse di tswa mo lefelong la diphologolo la Makgadikgadi Nxai Pan National Park. O boletse fa ditau tse go lebega di lemogile gore di babalesegile fa di le mo lefelong le. A re tshenyo e, e diragala bosigo, mme e re maphakela dibatana tse di tshabele mo lefelong leo.
O kopile puso gore fa e ne e ka kgona e se ka ya ba duela ka madi mme e ba duele ka leruo. O boletse fa lephata la diphologolo makgabisanaga le ba kolota madi a mantsi fela thata, mme e bile le tsaya lebaka le le leele go ba phimola dikeledi mo tshenyong e e bakilweng ke diphologolo di tshwana le ditau.
O tlhalositse fa ba itse bojanala e le nngwe ya matshego a itsholelo a lefatshe la Botswana, mme a gakolola fa leruo le lone le le lengwe l matshego a itsholelo ya Botswana go tswa goo lowe, ka jalo lefatshe ga le a tshwanela go letlelelela mohama o mongwe wa itsholelo o bolaya o mongwe mme ebile mohama o le mongwe wa itsholelo o sa lekana go tsamaisa lefatshe la Botswana.
E rile a ntsha la gagwe, mosekaseki wa kgotlhang ya batho le diphologo Dr Kenneth Gordon o tlhalositse fa kgotlhang ya batho le diphologolo e le teng lefatshe ka bophara. Dr Gordon yo o dirang dipatisiso mo Makgadikgadi Nxai Pan National Park o boletse fa e le nnete ditau tsa Makgadikgadi di jela barua kgomo leruo lwa bone.
Dr Gordon o tlhalositse fa go ntsifala ga batho go oketsa tiriso ya lefatshe le palo ya leruo le motho a tshwanelwang go ishetsa ka lone.
O tsweletse ka gore barua kgomo ba tshwanelwa ke go rua dikgomo tsa palo e e kwa godingwana ka lebaka la gore ba tshwanelwa ke go rekisetsa Botswana Meat Commission ba bo ba sala ka tse dingwe go tshetsa ba malwapa a bone ka masi le mo ditirong.
O tsweletse ka go re ’sika loo phologolo le laolwa ke bokgoni jwa phologolo e e jewang ke e nngwe go itsetsepela ka jalo seruiwa se tshwana le kgomo ga sena maano ape a go ka itsetsepela mo phologolong ya naga e tshwana le tau.
Dr Gordon o tlhalositse fa go supegile fa ditau dingwe mo Makgadikgadi di itse dikgomo le ko di fitlhelwang teng, a tlatsa ka gore ditau tse ke tsone tse di tlhorontshang barua kgomo ka go ba jela leruo la bone.
O tsweletse ka gore mo dipatlisisong tsa bone go supega fa e le palo potlana fela ya ditau tse dijang leruo la batho, mme e bile bontsi jwa nako e le ditau tse di tsofetseng.
“Ke dumela gore go maleba gore ditau tse di tsofetseng mme ebile di simolola go atumela mafudisetso le meraka ya batho fa di ka bonwa ka nako di bolawe ka gore ke tsone tse di felelang di bolaya leruo.
Ditau tse ga di kgone go tsoma ka gore ga di na maatla le lobelo la go tshwara diphologolo ka jalo di felela di baka tshenyo mo merakeng ya batho,”ga tlhalosa Dr Gordon.
Dr Gordon o tlhalositse fa mathata a a fitlhelwa mo dikgaolong dingwe tsa Amerika le Ireland ko diphologolo tsa sika loo ntsa tse di bidiwang ‘Wolf’ le tsone di kgonang go jesetsa barui mo kgobedung.
Mme a tlhalosa fa di kgonwa ke go bolawa fa go lemogiwa gore di simolola go atumela leruo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ketshegilwe Killer
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 13 Jul 2017






