Breaking News

Mokgatlho wa shegotja molelo o tshwere bomme

13 Jul 2017

Motlapele o boletse a re mabogo dinku a a thebana e bile setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata. 

Mafoko a, a rurifaditswe ke bomme ba Motokwe ba ba supileng fa e ne ya re ba le mo tirelong ya phitlho kwa Letlhakeng ba kgatlhwa ke ka fa bomme ba mokgatlho wa Shegotja Molelo ba motse oo ba neng ba tsamaisa phitlho ka teng, selo se se neng sa ba gapa maikutlo mme ba ya go itshimolodisetsa mokgatlho kwa motseng wa bone. 

Mo potsolosong le BOPA, Mme Mmanaka Phiritshwane yo e leng modulasetilo wa mokgatlho oo o supile fa e ne ya re go gorogeng kwa motseng wa bone, ba nna mogopolo o le mongwe go thaya mokgatlho mme ba simolola ka go dira ditlhopha di le nne, setlhopha sengwe le sengwe sa nna le batho ba le masome a mane. 

Mme Phiritshwane o ne a supa fa mokgatlho o tsweletse ka go thusa banni ba motse, a kaya fa mokgatlho o, e le nngwe ya ditlhabololo tse di amogetsweng ka gore o thusa batho ba le bantsi go boloka masika le ditsala ka tlotlo. 

O supile fa ba ne ba bona go le maleba go simolola mokgatlho o, ka go ne go na le batho ba ba neng ba goga bokete go boloka masika ka phitlho e tura. 

O tlhalositse fa maloko a masha a lopiwa P100 mme e re go tsweng foo ba ntshe P50 kgwedi le kgwedi. 

A re gompieno lefatshe le tsere phekelo e sele ka malatsi a botshelo bo tletse dihawa, mme gape go na le diemo tsa tshoganetso jaaka dikotsi tsa ditsela, ka jalo batho ba sa nne le nako ya go baankanyeta phitlho, mme a rotloetsa banni, bogolo jang banana go inaankanya le mokgatlho o gore le bone ba tle ba kgone go bona dithuso. 

O ne a supa gape fa go le botlhokwa gore batho ba nne ba ipaakantse ka dinako tsotlhe gore ba masika ba seka ba sala ba thatafalelwa ke go ba fitlha. 

Mme phiritswane o ne a supa fa mokgatlho wa bone o sa itebaganya fela le maloko, a kaya fa e kile ya re mo dingwageng tse di fetileng ba kgona go thusa mongwe wa batho ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka go mo fitlha. 

A re ba thusitse gape bana ba sekole se sebotlana sa Motokwe ka paka ya sekole. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Boago Gaoatswe

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 13 Jul 2017