Tema o rotloeditse ba Taung go dirisa mananeo a puso
13 Jul 2017
Molaodi wa Borwa Botlhaba, Rre Ian Tema o rotloeditse banni ba Taung go tsaya mananeo a puso a itshetso go tokafatsa matshelo a bone.
Molaodi Tema o buile se bosheng fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo.
A re puso e ntshitse mananeo a nyeletso lehuma go tokafatsa matshelo a banni, ka jalo go le botlhokwa gore banni ba akole mananeo a.
O ne supa fa mananeo mangwe a setse a tsobogetswe ka bontsi mme go tla mo nakong ya gore ba simolola go fokotsa go amogela ikopela ya mananeo ao.
O ne a kopa banni go tla ka dikgwebo tse di ka ba tlhabololang.
Rre Tema a re kwa ntle ga lenaneo la nyeletso lehuma, go na le mananeo a magwe a a akaretsang lenaneo la banana le a ba lephata la bong.
A re go mo maruding a banni go bona fa ba ema ka dinao go batla kitso ka mananeo a, a bo a gakolola ba ba akotseng mananeo go nna le dibuka tse di supang gore madi a dirisitswe jang.
Molaodi o ne a re keletso ke gore fa banni ba filwe mananeo a puso ba leke ka bojotlhe gore ba a tlhokomele le go a dirisa ka fa molaong.
Mo go tse dingwe Rre Tema o ne a tlhalosetsa morafe ka molao o o mo tirisong wa bana, wa go kwala maina a batsadi ka bobedi mo matsalong a ngwana.
A re go botlhokwa gore batsadi ba lebelele dikgatlhego tsa ngwana gore a bone lerato, botsogo, dijo le sekolo.
Rre Tema o ne a supa fa ngwana mongwe le mongwe a na le ditshwanelo, ebile a tshwanelwa ke go tlotla motsadi le go nna le boikarabelo jwa gore a kgalemelwe.
O ne a supa fa ba tswenngwa ke go bona bana ba ba tswang mo sekoleng ka ntata ya boimana, jo bo felelang bo dira gore ba senyegelwe ke sekolo.
Molaodi o ne a kopa borre gore ba ikgalemele ba tlogele bana ba gole ba seka ba ba dira basadi, ka go ba dira jalo e le kgokgontsho.
Fa a tswa la gagwe kgosi ya Taung, Rre Lebogang Masie a re go botlhokwa go tla ka molao o o gagametseng wa go sireletsa ngwana.
A re e le baeteledipele ba tshwenyega ke go bona bana bangwe ba sa tlhokomelesege.
Kgosi o ne a supa gore ba tshwenyega thata ke gore fa go dirwa ditlhabololo o kare Taung o a lebalwa.
Banni ba ne ba ikopela gore fa go dirwa ditlhabolo di dirwa mo kgaolong go lekwe gore di lekalekanngwe gore botlhe ba di akole. Bokhutlo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gogontle Sanka
Location : TAUNG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Jul 2017






