Breaking News

Go fetola maitsholo go ka tsisa maduo

14 Jul 2017

Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Motokwe, Rre Rapelang Modise o kopile banni ba motse oo go rotloetsa bana go nna tlhaga mo thutong le go tsena sekole ka botswapelo. 

O ntshitse kopo e mo phuthegong ya batsadi le barutabana e e neng e tshwerwe kwa sekoleng seo bosheng. 

Rre Modise o supile fa sekole seo se latlhegetswe ke serodumo ka se kile sa bo se ntsha maduo a a nametsang, a kaya fa se ntshitse dialogane tse gompieno dingwe tsa tsone e leng dingaka. 

O ne a tswelela ka go supa fa sekole se ne se ntsha maduo le ntswa batsadi ba maloba ba ne ba ise ba tlhaloganye botlhokwa jwa thuto ka ba ne ba dumela gore ngwana o tshwanetse a nna kwa masimo kana merakeng go disa. 

A re mo nakong ya gompieno e batsadi ba setseng ba tlhaloganya mosola wa thuto, tsholofelo ke gore sekole seo se ka bo se tsabakela go feta metlha ya maloba. 

O ne a kopa dialogane tsa sekole seo go itshwaraganya le barutabana go bona gore ba ka fa bana thotloetso le go bona gore ba ka tokafatsa maduo jang gore serodumo sa sone seo se boele. 

Rre Modise o ne a supa fa lebaka legolo la kwelo tlase ya maduo e le go sa tseneng sekole sentle ga bana, ka jalo a kopa batsadi go netefatsa gore bana ba tsena sekole sentle le go nna ba kopa bana semmuso kwa sekoleng fa gona le ditshwarego kwa malwapeng gona le go lofisa bana ntleng le kitso ya barutabana. 

A re o lemogile fa bana ba na le bokgoni ba tlhoka fela thotloetso go tswa mo batsading gore ba tiisa moko, mme a kopa batsadi go etela sekole go ya go bona gore bana ba tsweletse jang, go na le go romela bo mogoloabone. 

O kopile bana go dirisa sebaka se ba se filweng go tsena sekole le go tsaya metshameko ka tlhwaafalo go itshidila mmele le maikutlo. 

Rre Joseph Kgalaeng yo e kileng ya bo e le mogokgo a kopa batsadi go bopa botsalano le barutabana gore go seka ga nna le mongwe yo o boifang yo mongwe ka se se leng botlhokwa e le go ntsha maduo a a nametsang. 

O supile gape fa go tswanetse ga nna le popagano magareng ga barutabana le mogokgo gore batle ba nne ba amogana maele go tlhabolola thuto ya bana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Boago Gaoatswe

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya batsadi le barutabana

Date : 14 Jul 2017