VDC ya Hatsalatladi e dira madi ka ditena
13 Jul 2017
E re ka dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ka go farologana di lebangwe le letlhoko la madi go tlhabolola metse eo, dingwe di lebile mo pusong fa tse dingwe di inaakantse le puo e e reng ‘mokoduwe go tsosiwa yo o itekang’.
Komiti ya ditlhabololo ya Hatsalatladi mo kgaolong ya Kweneng ke nngwe ya tse di gatetseng pele ka go ipelega go itirela madi a ditlhabololo ka go foroma le go rekisa ditena.
Fa a bua mo potsolotsong, modulasetilo wa komiti eo, Rre Pontsho Keaitse a re ba sale ba simolola go foroma ditena ka 2014 e le nngwe tsela ya go kgobokanya madi a a tsenang mo letloleng la ditlhabololo la komiti eo.
Rre Keaitse a re ba ne ba lemogile gore go agwa matlo a mantsi mo motseng mme ditena di rekwa kgakala, mme ba tswa letsholo go tokafatsa seemo seo.
“Ka jalo re ne ra simolola go reka motlhaba le disamente go foroma e be re rekisetsa banni ditena ka P5,” a tlhalosa.
Rre Keaitse a re ditena tse ba di foroma ka lenaneo la Ipelegeng, ebile ba foroma dikgetsi dile thano ka letsatsi go ya ka palo potlana ya babereki ba Ipelegeng.
O tlhalositse gore mo nakong ya gompieno ke yone tiro e tona e Ipelegeng e e dirang.
O tlhalositse fa kgwebo eo, e tsweletse sentse fa e sa le e simolola ebile ba sa itsape ka ena le letseno le le botoka go gaisa phiriso ya matlo.
A re mo nakong eno ba setse ba kgonne go kgobokanya madi a a fetang P25 000 mme ba ikaelela go tsenya motlakase mo matlong a bone a phiriso a le lesome le boraro pele ga ngwaga o wela.
A re fa ba simolola kgwebo eo, bane ba lebaganwe ke kgwetlho e tona ya go hira batho go foroma ditena ebile ba duela babereki ka madi a a tswang kwa letloleng la komiti, mme seo sa seka sa nna le dipoelo gotlhelele.
Ka jalo marago ga sebaka ba di foroma ka lenaneo la Ipelegeng.
O tlhalosa gore kgwetlho e nngwe ke gore babereki ba Ipelegeng ba palo potlana ebile palo e ntsi ele bomme, ka jalo ba tlamega go foroma palo e e kwa tlase ya dikgetsi tsa samente mme seo se dire gore madi a seka a tsena ka bonako.
A re kgwetlho e nngwe ke gore ba reka motlhaba kgakala e bile o le turu, ka jalo dipoelo ga se tse di nametsang thata ka fa dikeletsong tsa komiti eo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : HATSALATLADI
Event : Potsolotso
Date : 13 Jul 2017






