Breaking News

Ditsweletse e wetswe ke seru sa dipetelelo

12 Jul 2017

Mogokgo wa sekole se segolwane sa Ditsweletse kwa Letlhakane, Rre Nkarabang Nkarabang o kopile ba-na-le seabe go lwantsha seru se se ba wetseng sa dipetelelo mo baithuting ba sekole seo. 

Mogokgo o buile jaana mo diphuthegong tse di neng di tsherwe tsa ba-na-le seabele e bong batsadi le barutabana ka Mosupologo tse maikaeleo a tsone e neng e le go buisana gore go ka dirwa eng go lwantsha borukutlhi.

Rre Nkarabang a re bana ba sekole sa gagwe ba le barataro ba amegile mo dikganyeng tsa dipetelelo, ba le babedi ba mophato wa bongwe, ba le babedi ba mophato wa bobedi le ba le babedi ba mophato wa boraro.

A re seemo se se ne sa ba tlama go sutisa dinako tsa sekole go tswa mo go 6:30 go ya kwa go 7:30 mo mosong, ba lebile gore ka e le mariga, nako e e neng e beilwe ya 6:30am go a bo go santse go le lefifi.

Rre Nkarabang a re le mororo ba sutisitse dinako tsa sekole ke bana ba le babedi fela mo go ba ba rataro ba ba thubeditsweng ba ya le ba bowa kwa sekoleng fa ba bangwe ba ba ne ba thubediwa ba le kwa malwapeng.

A re ba ne ba ya go lekola ba malwapa a bana ba ba amegileng, a tlhaolosa fa gape bana bangwe ba thusitswe ka go sidilwa maikutlo.

Rre Nkarabang a re dikgang tsa dipetelelo di masisi, a tlhalosa fa di amile bogogi jwa sekole, barutabana, baithuti gammogo le batsadi.

O ne gape a re ditiragalo tsa mofuta o di kgona go nna le ditlamorago mo baneng, a tlhalosa fa ba rotloeditse bana go tsamaya ka digongwana fa ba ya le ba tswa sekoleng.

Mogolwane wa mapodisi a Letlhakane, Superintendent Michael Maphephu o ne a supa fa seemo sa dipetelelo se le kwa godimo mo kgaolong ya Letlhakane, a tlhalosa fa go gatisitswe dikgang di le masome mabedi le botlhano go tsweng ka Moranang go fitlhelela gompieno.

Supt Maphephu a re mo dikgannyeng tse di ferang bongwe ga ba a tshwara ope go akaretsa tse thataro tsa bana ba Ditsweletse.

A re ba leka ka gotlhe mo ba ka go kgonang go batla dirukutlhi tse di tlhorontshang bana ba sekole, a tlhalosa fa dipetelelo tse di diragala mo mekgwatheng.

Rre Maphephu a re ba kopa setshaba go ba loma tsebe fa go na le mongwe yo ba mmelaelang, a tlhalosa gore dipuo tsa batho tse ba reng serukutlhi sa teng se apara sekete ga se boammaruri ka jaana go se ope yo o amegileng yo o kaileng jalo.

A re go le gantsi batho ga ba batle go fa bosupi le ntswa ba na le jone.

Tautona wa lekgotla la baithuti la sekole sa Ditsweletse, Thabang Olebogeng a re dikgang tsa dipetelelo di mo amile thata e le moeteledipele wa bana ba sekole a re o akanya gore ga a a kgona go sireletsa baithuti.

Olebogeng a re ga ba rutwe ka ditiragalo di tshwana le tse pele ga di diragala, a tlhalosa gore go le gantsi ba tsibosiwa ka diemo di sena go ba diragalela .

Morutabana wa dithuto tsa tshidilo maikutlo, Mme Julia Ramalepa o kopile batsadi go ruta bana gore ba seka ba bua le mongwe le mongwe yo ba kopanang le ene mo tseleng.

Mme Ramalepa o kopile batsadi go tlhokomela bana le gore ba seka ba ba roma bosigo kana ba ba lesa ba ya dikerekeng ba le nosi bosigo.

O supile fa kgang ya kapari ya sekole ba lekile go e laola mme batsadi e le bone sekgoreletsi ka yaare ba busa bana ba sa apara sentle batsadi bangwe ba tle ba shakgetse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego tsa batsadi le barutabana

Date : 12 Jul 2017