Batho ba Palapye ba lalediwa go tla go bona dilwana
13 Jul 2017
Mapodisi a Palapye a kopa banni ba Palapye go ya go bona dilwana tsa ntlo tse go belaesegang di utsulwe.
Mookamela mapodisi ao, Superintendent Waboraro Ramaja a re dilwana tse ke malao, ditshwantsho tsa motshikinyego, ditsidifatsi le tse dingwe tse di farologaneng tsa ntlo.
A re mapodisi a tshwere borre ba le bane ba Palapye ba dingwaga tse di fa gare ga masome mabedi le bongwe le masome a mabedi le boferabongwe, ba go belaesegang ba utsule dilwana tse.
O kopile banni ba Palapye go dirisa lenaneo la ntebele ke go lebele go tlhokomela dithoto tsa bone.
A re go botlhokwa go laela baagisanyi nako le nako fa ba tsaya mesepele gore ba sale ba ba lebetse.
Supt Ramaja a re ditlhotlhomiso tsa mapodisi di supa fa go nnile le dikgetsi tsa go thujwa ga malwapa ka nako ya fa beng ba malapa ba seyo.
A re dilwana tse di tshwerwe mo go borre bao le mo bathong ba bangwe ba ba neng ba rekile dilwana tseo.
Go reka dilwana tsa bogodu go ya ka Supt Ramaja ke molato o motho a ka lebisiwang molato wa kgolegelo ya dingwaga tse tharo.
A re mapodisi a tsile go tseela batho botlhe ba ba amegang mo go rekeng dithoto tsa bogodu dikgato.
O supile fa e tlaare mapodisi ba sena go fetsa ditlhotlhomiso babelaelwa ba isiwe fa pele ga lekgotla mme a tlhalosa fa ba ka atlholwa dingwaga tse di lesome fa ba ka bonwa molato.
Go mo tse dingwe a re banana ba ba tshwerweng beke e e fetileng mabapi le polao ya motho mo Palapye ba tlaa isiwa fa pele ga lekgotla kgwedi eno e le lesome le boferabongwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : PALAPYE
Event : Go bonwa dilwana tsa ntlo tse go belaesegang di utsulwe
Date : 13 Jul 2017






