Breaking News

Temo ya ditlhare phitlhisa go beng

12 Jul 2017

Mme Johane Moremi wa kgotla ya Boseja kwa Mahalapye ke mongwe wa Batswana ba ba sa ineelang mo tlhaelong ya mebereko ka a bone mosola wa go itirela ka diatla. 

Mo potsolosong le BOPA, Mme Moremi o tlhalositse fa a tswa kgakala a lema ditlhare tsa maungo, mereti le dithunya go rekisa.

 Mme Moremi a re o simolotse kgwebo ya ditlhare ka go kokotletsa madi fa a sa ntse a bereka. 

A re o sa le a nnile le lerato la ditlhare a le mmotlana a lema le go tlhokomela dithunya mme seo sa dira gore a gole a di rata. 

Mme Moremi a re le gompieno lelwapa la gagwe le kgabile ka ditlhare ka go farologana, e bile lelwapa la gagwe le na le phefo le lenko le le monate la ditlhare tseo. 

A re lemmenyana le a neng a le bona fa a simolola go rekisa le mo rotloeditse go lema ditlhare tsa maungo mo lwapeng la gagwe, tsa ungwa mo go neng ga mo tiisa moko go atolosa kgwebo gagwe. 

Katlego eo a re e ne ya mo kgothatsa go iteka lesego mo lenaneong la nyeletso lehuma go tsweledisa dikgwebo. 

A re kopo ya gagwe e ne ya atlega mme a thusiwa ka ditsompelo tse di tlhokegang mo temong ya ditlhare le fa tse dingwe di santse di saletse kwa morago mme gone kgwebo e tsweletse.

 Mme Moremi a re o ne a ikopanya le lephata la dikgwa kwa Mahalapye go kopa dikgakololo ka temo ya ditlhare ga mmogo le gore o ka atolosa kgwebo ya gagwe jang mme thuso eo, e mo kgontshitse go tlhokomela ditlhare tsa gagwe sentle. 

A re go rekisa dithunya le ditlhare ke yone tsela ya go itshetsa e bile gaa kitla a kgobega marapo go godisa kgwebo e le fa dikgwetlho di le dintsi.

Mme Moremi a re fa o le molemi wa ditlhare, o nna le lerato le lentsi mo lelwapeng la gago ka o tlhola mo go lone nako e ntsi o tlhokometse ditlhare ka go di tlhola kgapetsa kgapetsa gore a di gola sentle gammogo le go ela tlhoko gore di tlhoka eng nako efe mme seo se dire gore di itumele di bo di ate.

“Ditlhare di tshwana le ngwana ka gore ngwana o tlhoka tlhokomela e e kwa godimo, e seng jalo o ka latlhegelwa ke botshelo,” a tlhalosa. 

A re lelwapa le le lemilweng ditlhare motho wa teng ga a bue ka pelo thata ka o itlosa bodutu ka tsone mme seo se fokotse malwetse a pelo le madi a matona. 

Mme Moremi a re ditlhare di gaufi le pelo ya gagwe ka gore fa a sa tlhola mo lwapeng o a di tlhoafalela, mme seo se dire gore fa a goroga a bo a tlhamalela kwa go tsone go di lekola. 

Jaaka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho, mme kgwetlho e tona ke motlhwa o montsi le dikhukhwane tse a reng o di fenya ka go di rekela molemo wa diji. 

A re kgwetlho e nngwe ke gore di kgona go swa fela a sa itse gore mabaka ke eng ka jalo go botlhokwa go lekola seemo sa mmu le boteng jwa one ka nako ya o jwalang. 

Mme Moremi a re metsi a pula ke molemo ka gore ditlhare le dithunya tsa gagwe fa pula e nele, di a itumela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ka Ogomoditse Johannes

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 12 Jul 2017