Breaking News

A bana ba fiwe sebaka sa go ithuta maranyane

12 Jul 2017

Modulasetilo wa komiti kgolo ya ditlhabololo kwa Bobonong, Rre Boitumelo Kgosietsile o kopile batsadi go letlelela bana go ithuta dikhompurata tse di kwa mmolong wa Bobonong. 

Rre Kgosietsile o tlhaloseditse BOPA mo puisanong fa lekgotla la Stepping Stones International le neetse bana ba Bobirwa dikhomputara tse pedi ka maikaelelo ago ruta bana ba ba kwa dikgaolong go dirisa dikhomputara.

 O tlhalositse fa ba ne ba itshwaraganya le baithuti ba sekole sa tiro ya diatla sa Bobonong Brigade ba ba neng ba aga lefelo le dikhompurata di nnang teng kwa mmolong wa Bobonong. 

A re bana botlhe ba Bobirwa ba ka etela lefelo leo go ithuta go di dirisa. 

Rre Kgosietsile o boletse fa lekgotla la Stepping Stones International go tswa kwa Mochudi le itebagantse le go sireletsa le go tlhabolola matshelo a bana mo lefatsheng.

 O tlhalositse fa lekgotla le, le abetse kgaolo ya Bobirwa dikhomputara tse ka maikaelelo a go ruta bana ba ba nnang mo dikgaolong go dirisa maranyane. 

A re lekgotla le, le tlhalositse fa le setse le abetse dikgaolo di fera bongwe dikhomputara mme le tlaa tswelela ka go abela dikgaolo tse dingwe nako e tsweletse gore bana ba ba nnang kwa dikgaolong ba seka ba salela kwa morago mo go ithuteng go di dirisa. 

Rre Kgosietsile o boletse fa ba setse ba thapile moithaopi wa Tirelo Setshaba yo o thusang bana go ithuta go di dirisa gammogo le go ela tlhoko fa ba di dirisa sentle. 

A re ba tlaa ikgolaganya le ofisi ya banana le khansele potlana ya Bobirwa go ba batlela motho wa se nnela ruri yo o tlaa bong a theogelela kwa lefelong leo. 

O boletse fa bontsi jwa bana ba tshologela kwa lefelong le mo tshokologong mme go tlhokega motho yo o ka theogelang ka nako tsotlhe gore bana ba kgone go ithuta ka tshosologo.

 Rre Kgosietsile o kopile batsadi go letlelela bana go etela lefelo le, go ithuta go dirisa dikhomputara. 

A re batsadi ba ele tlhoko mesepele ya bana go tlhomamisa fa ba tswa mo lwapeng go etela lefelo go na lego tsamaya baya go dira ditiro tse di sa eletsegeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 12 Jul 2017