Breaking News

Amogelang diphetogo - Seretse

11 Jul 2017

Mopalamente wa kgaolo ya Lentsweletau/Mmopane, Rre Vincent Seretse a re go amogela diphetogo ga se selo se se motlhofo le mororo di na le bomolemo mo go tlhabololeng tsamaiso.

E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Mmatseta, kgwedi eno e le lesome, Mopalamente Seretse a kopa morafe go amogela diphetogo tse di dirilweng ka motshine o o tlhophisang, a tlhalosa fa di le molemo e bile go se sepe se se ka bakang tlhobaelo.

A re diphetogo dingwe le dingwe tse disha di tla ka bothata jwa tsone, e bile go se motlhofo go ka amogelwa ka go na le se batho ba abong ba ntse ba se tlwaetse, mme ba ikgatholose bomolemo jwa sesha.

O file sekai ka metshine ya di ATM tsa dibanka gore di ne tsa seka tsa amogelwa kwa tshimologong, mme e ne ya re mo tsamaong ya nako, batho ba lemoga fa e tokafaditse tsamaiso.

Rre Seretse, yo e bileng e le tona ya peeletso, papadi le madirelo, o kopile morafe go dira mo go tweng mosele-wa-pula o epiwa go sale gale, ka go rulaganyetsa ruri ditiro tsa go tlhabolola kgaolo eo, ka madi a P10 million a dikgaolo, ka jaana e tlaa nna selo sa ngwaga le ngwaga.

Mme Sefetiso Koogotsitse o supile matshwenyego a go tlhoka morero ga komiti ya ditlhabolo tsa motse oo, mo dikgannyeng tsa go thapela mananeo a tokafatso matshelo a morafe.

Mme Koogotsitse o tlhalositse fa komiti e le yone ka nosi e akolang go thapela mananeo a go selwa ga matlakala, nyeletso lehuma le la Ipelegeng, morafe one o kgaphetswe ntle.

Mo kgannyeng ya phiro ya VDC, Mopalamenete Seretse o kopile maphata a a lebanyeng go tsibogela tharabololo ya kgang eo, go hema go gotlhagotlhana ga morafe le bogogi jwa motse.

Rre Simako Tsele ene o kopa tokafatsa ya difomo tsa ikopelo mananeo a tshwana le a banana.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mmatseta, mme Matsema Segone o lebogetse thulaganyo e e tsweletseng ya go tllhabolola motse oo, ka kgokelo ya motlakase o ba kaileng ba sale ba o letile ga mmogo le tlhomamiso ya ga Kgosi Robert Sebego.

Le fa go ntse jalo, a re go nna teng ga ga Kgosi a sena mapodisi, bakwaledi le diofisi tsa morafe, go santse go tlaa kgoreletsa morafe go akola thulaganyo eo.

Le fa go ntse jalo, o supile fa ba na le matshwenyego a tiego ya go amogela dijo tsa bana mo dikoleng tse di tlang ka go rotha.

A re tlhaelo ya boroko le matlo a borutelo e sa ntse e tshwenya, bogolo jang ka gore bananyana ba pre-school ga ba na fa ba rutelwang teng, fa bangwe ba baithuti ba rutelwa mo ntlong ya mabeelo a dithoto.

Modulasetilo wa khansele ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Botokanyana Motoroko o solofeditse fa thulaganyo ya go anamisa dijo e tlaa tokafadiwa mo setlheng se se latelang sa thuto, a tlhalosa fa bothata jo bo santse bo bakwa ke neelano ya ditiro ka gore thulaganyo eo, e ntse e dirwa ke ba goromente yo motona. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Bailotli

Location : MMATSETA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 Jul 2017