Petlwana e na le botshelo
11 Jul 2017
Mogwebi yo mmotlana, Rre Barulaganye Kethusang o dumela gore mongwe le mongwe o ka nna le seabe mo go tlhameng ditiro, bogolo jang fa motho a na le lorato le maikaelelo mo go se a se dirang.
Rre Kethusang a re jaaka monana yo o sa yang kgakala mo dithutong tsa sekole, lorato, kgatlhego le bokgoni jwa petlo ke tsone di mo gwetlhileng gore ka 2007 puso e mo ise sekoleng sa go betla kwa Sehunou go ya go anywa botsipa jo bontsi jwa go betla.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng, o ne a re thuto ga e sa tlhole e le ya go bereka mo diofising fela, mme thuto ya ditiro tsa diatla e botlhokwa mo bogompienong ka go sena ditiro.
Monana yo o dingwaga tse 25 o sale a rata go betla a le mmotlana, mpho e lelwapa la bone le segofaditsweng ka yone, ba betla dilwana tsa setso jaaka dipora, dikika, dintsho le tse dingwe.
O dirisa setlhare sa mokongwa, se se bonwang thata kwa kgotleng ya Makolojane go betla dilwana tse.
Rre Kethusang a re tse a di betlang o kgona go di rekisetsa batho ka go farorologana gore a inamole mo lehumeng.
A re puso ka nosi e ka seke e kgone go re tlhamela mebereko, ka jalo a rotloetsa banana le bagolo go ikemela ka dinao gore ba kgone go ikogola mo isong.
Rre Kethusang a re ka Setswana se re tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng gone, o dirisitse monyetla wa gore le ene a gate mo dikgatong tsa ba lelwapa la gagwe.
O betlela mo lwapeng ka a ka seke a kgone madi a go direla dilwana tsa gagwe kwa madirelong a a hirisiwang mme a di rwale a tsamaye a di bapatsa mo bathong.
Monana yo a re o itumedisiwa ke gore Batswana ba santse ba rata dilwana tse a di dirang ka e bile e le tsa setso le ntswa bontsi bo dirisa dilwana tsa segompieno, a supa fa dintshwana e le tsone tse di rekwang thata.
Monana yo a re o kopana le kgwetlho ya gore Batswana ba batla dilo tsa gagwe ka tlhwatlhwa e e kwa tlase mme se se felele se dira gore a seka a bona madi a melora.
“Keletso ke gore goromente a nthuse ka motshine o o betlang gore ke tle ke kgone go direla Batswana bontle jo bo feteletseng.” Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lesedi Kgosikhumo
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 11 Jul 2017






