Breaking News

Tlhogo ya monna matsatsa

11 Jul 2017

Le fa bontsi jwa batho ba ratela ditlhare go kgabisa malwapa, Mme Makhabe Diphore wa kgotla ya Thalerwana kwa Serowe o tsaya dithunya le ditlhare tsa maungo jaaka kgwebo.

Mo potsolosong le BOPA bosheng, Mme Diphore o ne a tlhalosa gore ntswa e le morutabana ka dithutego e ne ya re ka 2012  mohiri  a mo fa lokwalo lwa go mo fudusetsa kwa sekoleng sa Gudigwa go tswa Malatswae.  

A lemoga fa go le kgakala e bile go sa siamela botsogo jwa gagwe, jalo a bona go le botoka go leboga mmereko.

Ka go twe tlhogo ya monna matsatsa, Mme Diphore yo o neng a ntse a na le lorato mo ditlhareng a bona gore ke tsone di ka bayang dijo mo tafoleng.

Mme Diphore o ne a tlhalosa fa a simolotse a dirisa motshotelo wa dikoko go nontsha mmu, mme a tloga a utlwalela ka mmu wa kwa dithabeng mme a simolola go o dirisa.

Mme Diphore o ne a tlhalosa fa a sa ithutela go lema dithunya kwa sekoleng, a re lorato ke lone le mo  tlodisang melatswana.

“Ka go bona maduo a nametsa ka tia moko ka lema ditlhare tse dintsi tsa mo gae le tsa kwa ntle,”ga bua Mme Diphore.

A re o rekisa dithunya ka go farologana mme tse di rekwang thata ke bomme ke juranda le sa hibiscus.

Mogwebi yo o tlhalosa fa borre bone ba rata se se bidiwang Benjamin. 

“Batho ka bontsi ba setse ba na le kgatlhego e ntsi ya go reka ditlhare tse ke di rekisang mo ba setseng ba tla ba tswa kgakala” ga bua Mme Diphore. 

O tlhalosa gore gompieno o na le motho yo o dirang le ene e bile a mo duela sentle go sena bothata jwa madi ka gore maduo a kgwebo a a nametsa. 

Mme Diphore a re ditlhare tsa mo gae ke tse di tlwaelesegileng fela jaaka motsentsela, apole, popo  le pere.

O ne a tlhalosa fa kgwebo e e sa tseye nako yotlhe e bile a tsenelela ditiro tse dingwe a sena bothata. 

Mme Diphore a re fa a tsoga o nosetsa ditlhare a bo a phepafatsa gore di senoge bontle jwa tsone sentle. 

O tlhalosa gore mmu one o o shafatsa morago ga dikgwedi tse tharo a o tlhakanya le chefi ya ditshoswane gore ditlhare di seka tsa tlhaselwa ke ditshoswane.

Mogwebi yo a re fa a setse a nosetsa o tsenya dijo tsa ditlhare pele ke gone a itse go nosetsa.

“Kgwebo e ga e na paka fa o ageletse ditlhare di nna dintle fela di sa tshwenngwe ke sepe sa bo sefako kana diji. 

Ke rotloetsa bagwebi ba bangwe gore ba seka ba inyatsa fa ba lemoga mogopolo o o ka ba tshetsang”.

 A re go le gantsi kgwebo e barotloetsi ba yone e leng basadi e dira sentle. ENDs

Source : BOPA

Author : Keneilwe Gagoiponwe

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 11 Jul 2017