Breaking News

Ba lela ka ditsela kwa Serowe

10 Jul 2017

Bakgweetsi ba dithekisi ba re seemo sa ditsela se se sa jeseng diwelang se ba kgoreletsa go kgotsofatsa bapalami kwa Serowe.

Bakgweetsi ba ngongorega ba re fa dipula di nele ditsela dingwe ga di tsamaege mme e bile dingwe tsa tsone di sa tshelwa sekonotere le ntswa e le ditsela tse ditona.

E rile mo potsolosong bosheng le BOPA, Rre Makgowe Balopi  o supile se a re ke kgwetlho mo go bone ka gore ba baakanyeditse dikoloi ruri ntswa madi a ba a bonang e se a sepe.

Rre  Balopi  o ne a tlhalosa fa seemo se, se na le seabe mo kgwebong ya bone, bogolo jang fa koloi e sena go retelelwa ke teko ya gore a e itekanetse. 

“Fa pula e nele ditsela tse di motlhaba di nna makotikoti re bo re sa kgone go tsamaya mo go tsone jaaka tsela ya Marulamantsi,” ga bua Rre Balopi.

O ne a tswelela a ngongorega ka tsela ya Makolo a re, “Ntswa e le tsela e tona e e dirisiwang ke ba ba yang masimo, BHC, dipolasing le kwa lefuting la matlakala seemo sa yone ga se itumedise ka sekontere se ngathogile mo re palelwang ke go tsamaya mo go sone”. 

Rakgwebo yo o ne a tswelela a re go ngathoga ga sekontere mo ditseleng dingwe ke gone mo go senyang dithaere tsa dikoloi tsa bone.

 Rre Balopi o tsweletse a re, “Mapodisi a pharakano ya ditsela bone ba re pega molato wa gore dikoloi ga di a itekanela go ka tsamaya mo tseleng le go pega setshaba”.

O ne a ngongoregela gore ngwaga le ngwaga ba kgethela dikoloi mme ditsela tse ba tsamayang mo go tsone di sa siama.

Rakgwebo yo o tlhalositse fa seemo se se ama kgwebo ya bone ka jaanong e le go berekela go baakanya dikoloi le go duela lekgetho mme bone ba sa bone sepe.

O tsweletse a tlhalosa gore tsela e e yang Makolojane e na le mantswe a a kokonelang dithaere tsa dikoloi tsa bone e bile di kgongwa ke mantswe ka fa tlase. 

A re selo se, se ba kgoba marapo go isa bapagami kwa lefelong leo. 

“Seemo se, se re kgoreletsa go gola, le gone go dira madi ka gantsi re emela bapagami ba ba yang kwa mafelong a a nang le ditsela tse di tsamaegang. Mme kana se, se baya ba ba senang ditsela ka fa mosing.”

E rile a digela, Rre Balopi a re bogolo keletso ke gore go dirwe ditsela tsa ditena ka tsone di sa lope madi a mantsi jaaka sekonotere, bogolo jang ka Serowe e le motse o motona.

 Leloko la Serowe Taxi Services gape e le mokgweetsi Rre Kagisano Kebosenke ya re a latlhela tlhware legonnyana a re e re le ntswa ba lephata la dipalamo le ditlhaeletsano ba supile fa ba tshwanetse go isa bapalami kwa ba yang teng mo motseng, se ga se kgonagale sekgoreletsi segolo e le ditsela tse di sa siamang.

Mokgweetsi yo o ne a ngongorega ka mola wa ditsela tsa sekontere a re o mosesane mo go senang fa ba emang teng mme se se ba baya ka fa mosing fa ba tshwanetse go emela mopagami. 

O ne a tlhalosa gore dipula tse di neleng monongwaga o rogwa di ngathile sekontere mo ditseleng ka bontsi mme seemo seo se ba fa bothata fa ba kgweetsa le gone go tla ba ntse ba faposa dikoloi go tila mahuti a.

 “Tota mela e e tlhoka go okediwa ka ditena ka tsone di se thata go rekwa”. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ka Keneilwe Gagoiponwe

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 10 Jul 2017