Seabe sa kereke se ile tlase - Mbinga
10 Jul 2017
Moruti wa kereke ya Delta Cross Ministries, Rre Joseph Mbinga a re boleng jwa kereke mo lefatsheng leno bo ile tlase fa go tshwantshanngwa le nako e e fetileng.
Moruti Mbinga o supile fa mo nakong e e fetileng dikereke di ne di goga kwa pele mo go tlhabololeng matshelo a batho.
O buile jaana mo potsolotsong gore mo malobeng kereke e ne e na le seabe se setona ka jaana e ne e kgona go jesa, go apesa batho le gone go rera efangedi e e neng e fetola matshelo.
O kaile fa gompieno dikereke dingwe di sa tlhole di ruta boamaaruri jwa lefoko la Modimo jaaka tshwanelo mme jaanong di eteleditse madi pele ka maano a go ikhumisa.
A re dikereke di tshwanetse go bonwa di tshwaraganetse mokgweleo le puso e seng go bolaisa puso morwalo.
“Kereke ga e sa tlhole e kgathala ka botsogo le botshelo jwa semowa jwa batho mme e kgathala ka madi a balatedi ba a tsenyang mo kerekeng.
Selo se se dirile gore batho ka bontsi ba nne bahumanegi,” moruti a gatelela.
Moruti Mbinga a re nako e gorogile ya gore dikereke di itsee motlhala go bona gore a mme di tsamaya mo dikgatong tse di maleba tsa go ruta boamaaruri jwa lefoko la Modimo.
A re tiro ya kereke ke go anamisa molaetsa wa thero ka maikaelelo a go lere pharologanyo mo matshelong a batho.
A re lefoko la Modimo le nonofetse go aga motho mo moweng.
A re go a gakgamatsa ka gompieno mafelo a dikereke a fetogile madirelo a kgwebo.
Moruti Mbinga o supile fa a itemogetse kgolo e ntsi ya dikereke dingwe tse di tsietsang beng gae, a supa fa bontsi jwa baeteledipele ba dikereke tseo ba humile thata fa balatedi ba tsone bone ba tshelela mo khumanegong.
Moruti o kgadile a sa kgwe mathe dikgakgamatso le ditshupegetso tse di bolelelwang batho ka maikaelelo a go ba tseela madi a bone mme morago go sena sepe se se diragalang mo matshelong a bone.
O supile fa lefoko la Modimo le supa fa motho mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go ja mofufutso wa phatla ya gagwe, ka jalo ga gona ope wa moruti kana moporofiti yo o ka dirang madi.
O gwetlhile Batswana go bulega matlho le gone go inaakanya le dikereke tse di rerang boammaaruri.
A re Baebele e boletse gore mo metlheng ya bofelo go tlaa nna le baporofiti ba maaka mme a gwetlha setshaba go ikela tlhoko e seka ya re morago ba thanya lo le tsebeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keswetseng Samokunda
Location : NGARANGE
Event : Potsolotso
Date : 10 Jul 2017






