Breaking News

Ba Shashe Bophirima ba lela ka lenyora

10 Jul 2017

Mopalamente wa Shashe Bophirima, Rre Fidelis Molao a re puso e tsere tshwetso ya go rebolela lephata la metsi le lephata la madi go adima madi kwa bankeng ya mafatshefatshe go araba selelo sa metsi. 

Rre Molao o boletse seo mo diphuthegong tsa kgotla kwa Marapong, Semitwe le Mafungo\Hubona ka Labone. 

A re mo mading ao a US$114 million US dollars) $11 million di tlaa dirisiwa go katolosa lefelo le le fetlhang metsi le diphaephe kwa letamong la Ntimbale gore batho ba metse eo ba kgone go sielwa metsi go tswa kwa letamong leo. 

O bolela fa batho ba kgaolo ya gagwe ba lela ka letlhoko la metsi, a tlhalosa fa madi ao a tlaa thusa mo ditirong tsa phatlalatso, go katolosa lefelo le go fetlhwang metsi le go gokela diphaephe go araba selelo sa tlhaelo ya metsi mo metseng eo. 

Rre Molao, yo e bileng e le mothusa tona wa thuto e kgolwane, dipatlisiso, maranyane le boitseanape, a re didiba tsa Maitengwe tse di nosang metse eo tse pedi ga di bereke, ka jalo tse di setseng ga di kgone go nosa kgaolo yotlhe, ke ka moo metse e mengwe e sa kgone go bona metsi. 

A re go rarabolola kgang ya letlhoko la metsi mo metseng eo go tlaa gokelwa didiba tse tharo tsa metsi kwa Goshwe go thusana le tsa Maitengwe mme moo e tlaa bo e le tiro ya nakwana go santse go emetswe tiro e kgolo ya Ntimbale. 

O solofeditse batho ba metse eo fa tiro eo e tlaa wela mo dibekeng tse pedi ka go ne go emetswe ba lephata la motlakase go gokela motlakase mo didibeng tseo gore di kgone go nosa metse. 

Gape o ne a lekodisa batho ba metse eo ya Marapong,Semitwe le Mafungo\Hubona ka tsela ya Francistown-Maun, a re thendara ya go shafatsa tsela eo e setse e dule e tswalwa kgwedi eno e le masome mabedi le bone mme go solofetswe gore kgwedi e e tlang ya Phatwe tiro ya go dira tsela eo e bo e simologa. 

O ne a bolela fa gape go tlaa dirisiwa madi a lekgetho a leokwane go aga tsela e ntsha e bapisiwa le e kgologolo go nna ditsela tse pedi go tswa Francistown go fitlha kwa Nata mme go solofetswe gore e tlaa nna e dirwa jalo ka sephatlo ngwaga le ngwaga go fitlhelela e ya go goroga kwa Mohembo. 

Banni ba metse eo ba ne ba lela ka lenyora le le ba apesitseng kobo ka letshoba ba bolela fa ba anwa metsi a a seng phepa mo matamong a ba kaileng a sa siamela botsogo. 

Ba ne ba supa matshwenyego ka bonya jo bo tsewang ke WUC go tsibogela dilelo tsa bone. 

Ba ne gape ba lela ka ditlhwatlhwa tsa metsi tse di kwa godimo ntswa ba nna go sena metsi a a tswang mo dipompong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : MARAPONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 10 Jul 2017