Breaking News

Batswana ba kgotlhadiwa go aba madi

10 Jul 2017

Mooki yo mogolwane kwa kokelo ya Sekgoma, Mme Tebogo Lebang a re Batswana ba tshwanetse go ema ka dinao ba aba madi ka dikokelo di tlhaelelwa. 

O buile jaana mo potsolotsong le BOPA fa ba ne ba tsaya madi kwa tirong e e neng e rulagantswe ke ba Serowe Lions Club ka Matlhatso. 

Mme Lebang a re ntswa ba na le dibanka tse thataro lefatshe ka bophara, tse tsotlhe di tshwanetseng go bona gore ba kgon seelo se ba se beetsweng sa dikgetsana tse 40 000 mo ngwageng, se ga se bonolo ka setshaba se goga dinao go aba madi. 

A re ngogola ba ne ba kgonne dikgetsana tse 25 000 fela. 

Mme Lebang a re se se a tshwenya ka mo bogompienong madi a tlhokafala thata, bogolo jang ka go na le malwetse a mantsi jaaka madi a a kwa tlase, kankere, le loaro. 

“Fa o tsaya loaro lwa pelo fela o tlaa lemoga botlhokwa jwa go fa madi. 

Loaro lwa pelo lo tlhoka dikgetsana tsa madi di ka nna lesome, mme kana kgetsana e tsenya 450ml. 

Se se ka se kgonagale batho ba sa abe madi.” 

Mooki yo a re fa motho a aba madi a itse gore le ene o a ipoloka ka a ka se ke a itse gore o ka tsoga a tlhagogelwa ke eng se se tlhokang madi. 

A re gape motho o tshwanetse go gakologelwa gore fa a abile madi, a ka tsoga a thusa wa gabone, gongwe a na le kotsi kana mongwe a belega.

 Mooki yo, o ne a tlhalosa fa banana ba aba madi go feta bagolo, bogolo jang ka go aba motho yo o dingwaga tse 16 go ya kwa go tse 65. 

“Mme gape re lemogile fa borre ba aba madi go feta bomme, selo se re sa itseng gore se bakwa ke eng. Keletso ke gore bomme fela jaaka borre ba fe madi ka e le selo se se tlhokwang ke botlhe. 

Borre ba nna mo dikotsing thata mme ba tlhoka madi, le bomme fa ba belega ba a a tlhoka.” 

A re fa gongwe batho ba na le go boifa mme a rurifatsa gore go aba madi go babalesegile. 

Mme Lebang a re ntswa ba na le ofisi ya kabo madi kwa Sekgoma, seo ga se a lekana, ka jalo ba nna ba tswa letsholo ba etela dikole le maphata go bona madi. 

A re fa go na le ditiro tse di okang batho ba bantsi ba tshwaraganela tiro le beng ba yone gore ba kgone go ya go tsaya madi. 

“Letsatsi la gompieno le tsamaile sentle ka bontsi bo supile kgatlhego mo go feng madi, mme keletso ke gore batho ba tle kwa sepatela ba tle go fa madi.” BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Serowe

Event : Poltsolotso

Date : 10 Jul 2017