Rammidi o akgotswe
10 Jul 2017
Mogolwane wa tsa thibelo mogare wa HIV le kganelo bolwetse jwa AIDS mo lephateng la botsogo, Mme Chipo Petlo o galaleditse Mme Ouma Rammidi yo o ntseng a le mo mosepeleng ka baesekele go tlhagisa bomme ka botlhokwa jwa go itlhatlhobela kankere ya molomo wa popelo.
Mme Petlo o ntshitse dikgalaletso tse mo moletlong wa go amogela Ouma yo e rileng kgwedi ya Motsheganong e robabodedi monongwaga a palama tshipi a tsena mo tseleng go ralala lefatshe la Botswana, a eme kgotla le kgotlana go ruta le go gakolola Batswana ka kankere ya molomo wa popelo. Mo mosepeleng o go ne go na le itlhatlhobelo bolwetse jwa kankere ya molomo wa popelo.
“Ke motlotlo go kopana le lona matlho a phage a lebanye.Setswana sa re mosadi ke thari ya setshaba.O supile seo ka go emela bomme ka dinao o ba rotloetsa go boloka matshelo a malwapa a bone.
Ke ipelafatsa ka wena, o pinagare ya lwapa la gago le bokamoso jwa lefatshe le,” a bua jalo. O ne a gakolola phuthego go itlhaganelela go itlhatlhobela bolwetse jo ka thibelo e le botoka go na le kalafi.
A re lephata la gagwe le kgonne go lwantsha bolwetse jo ka go ipaya pele matshego a tshwana le go kenta basetsana ba ba dingwaga tse di robang bongwe ka HPV, go tlhatlhoba bomme ka mofine o o botjarara le pap smear, go tsaya motlhala o o kayang fa ditirelo di goroga kwa bathong le go isa molaetsa wa thibelo kwa bathong botlhe.
O tsweletse a re lephata la gagwe le kgonne go dira se mme le santse le saletse morago ka go fitlhelela dikgaolo tse di kgakala.
“Ke dumela gore fa re ka tswelela ka go bereka mmogo re tlaa fenya mmaba yo, mme e bile phenyo e gaufi,” o ne a rialo. E rile a tswa la gagwe, Mme Rammidi a supa fa a nnile le mosepele o o neng o se motlhofo, o tletse dikgwetlho.
“E re le fa nne go se motlhofo, letsapa le iteleketse, mowa o batla mme nama e le bokowa, lorato le ke nang le lone mo bathong le ile la nkgoga,” ga bua Mme Rammidi.
Mme Rammidi o kaile fa a ne a latlhegelwa ke mmaagwe ka ntata ya kankere dingwaga tse di masome mabedi tse di fetileng.
A re o itse kutlobotlhoko le bohutsana jwa go oka molwetse wa kankere, ke sone se a neng a bona go tshwanela go thusa bomme ba bangwe gore ba malwapa a bone ba seka ba kopana le se a kileng a se ralala. “Go botlhoko go bona mme a latlhegelwa ke mmele mo nakong e khutshwane, a opelwa ke botlhoko ka matsatsi, a bo a felela a re tlogela.
Ga ke rate ope a ka feta ka seemo se,” o ne a rialo. Mme Rammidi a re o sale a simolotse loeto le la go palama baesekele a gasa molaetsa ka 2013 mme o setse a kgonne go ama le go fetola matshelo a mantsi mo metseng e tshwara makgolo a marataro le bosupa.
O boile a gakolola batho go fetola maitsholo le mekgwa, go ikatisa le go dira tsotlhe tse di ka fokotsang diphatsa tsa go tsenwa ke kankere. BOKHULO
Source : BOPA
Author : Tiroyaone Ramooki
Location : GABORONE
Event : Moletlo
Date : 10 Jul 2017






