Lerato konokono ya lenyalo
10 Jul 2017
Mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Hukuntsi Mme Peggy Kutlase a re lorato le kagiso e tshwanetse ya nna boremelelo jwa lenyalo gore banyalani ba kgone go tshela botshelo jwa bone botlhe kwa ntle ga tlhalo.
Erile fa Mme Kutlase a nyadisa ka Labone kwa Hukuntsi, a re banyalani ba ba tsenang mo nyalong ka go bo ba ratana ba kgona go itshokela diemo tsotlhe, a tlatsa ka gore ba kgona go tlhoka dithoto mme lorato lwa bone lone lo kgone go ba fa tsholofelo.
A re banyalani ga ba a tshwanela go tsena mo nyalong ba lebile dithoto tsa yo mongwe ka tsone di ka nna tsa fela lenyalo le setse le tsweletse mme a tlhalosa gore banyalani ba tshwanetse go nyalana ka gore ba a ratana ka lorato lwa boammaaruri le ka seka la fetoga.
O tlhalositse gore banyalani ba ba ratanang tota ba kgona go tlhoka, mo ba felelang ba lala ka tlala, fa gongwe mosasana wa bone le one o na, mme lerato la bone le gaisa la ba ba nang le dithoto le madi.
A re fa go nang le lerato go nna go na le kagiso ka jaana fa motho a rata yo mongwe o batla gore ba nne fela ka kagiso, a tlhalosa gore le fa go nna le dikgotlhang banyalani bao ba itse gore ba ka di rarabolola jang kwa ntle ga dikomano.
O ne a tlhalosa gore batsadi le masika a banyalani ba na le seabe mo go senyegeng ga manyalo a bana ba bone, a tlatsa ka gore batsadi ba bangwe ba tsenelela thata mo malwapeng a bana mo ba felelang ba ba paledisa go tsaa ditshwetso tse di maleba.
“Batsadi ba bangwe ba felela ba tsena thata mo manyalong a bana mo batsadi ba felelang e le bone ba kwalang dilwana le dijo tse banyalani ba ka di rekang ka madi a bone” ga tlhalosa jalo Mme Kutlase.
O ne a gakolola batsadi gore ba lese go ne ba tsena thata mo manyalong a bana ka jaana dinako tse dingwe go dira jalo go tsisa tlhokakutlwisisano mo malwapeng a bana.
O ne a kgala thata batsadi ba ba tsweletseng ka go tseela banyalani ditshwetso, a tlhalosa fa dinako tse dingwe go tla mo seemong se e leng gore go felela go dirisiwa ditshwetso tsa batsadi kwa malwapeng a banyalani.
O ne a tswelela ka go bolelela banyalani fa batsadi ba rerisiwa ebile ba gakolola mme go na le tse banyalani ba tshwanetseng go di dira ba sa tsenye batsadi mo go tsone.
Mo go tse dingwe, Mothusa molaodi a re lenyalo le a pegwa kwa diofising tsa bone mme banyalani ba ye go leta malatsi a le masome a mabedi le bongwe pele ga ba ka tla go folosa lenyalo.
O ne a tswelela ka go tlhalosa gore go leta moo go direlwa gore banyalani ba ye go ikakanya gore a ba tsena mo nyalong ya tlhakanelo dithoto kgotsa e go sa tlhakanelweng dithoto ka ba tlhalosediwa ka dithoto mo letsatsing la pego ya lenyalo.
Mme Kutlase a re gape lebaka leo le direlwa gore manyalo a pegwe e le tsela nngwe ya go itsise setshaba gore mang o nyalwa ke mang gore e re fa mongwe a le kgatlhanong le lenyalo leo a bo a ka le emisa.
O ne a tlatsa ka gore banyalani ba ba tsenang mo tlhakanelong dithoto, fa ba setse ba sa tlhole ba batla go tlhakanela dithoto ba ka dira jalo kwa kgotlengkgolo ya ditsheko fela jaaka go dirwa tlhalo.
O ne a tlhalosa fa go na le kgolagano ya gore go dirwe lenyalo le le faphegileng (special wedding) le e leng gore banyalani ba kgona go nyalana fela gone foo kwa ntle ga go leta malatsi a le masome mabedi le bongwe, a tlhalosa fa leo le laolwa ke mabaka a banyalani ba a tlhalosetsang molaodi.
A re mme ga ba rotloetse setshaba go nyalana ba dirisa tsamaiso e ka gore tota setshaba se tshwanetse go itsisiwa ka manyalo a a tlaa diragalang go santse go na le nako.
A re mabaka a gantsi a lebelelwang gore banyalani ba nyadisiwe ka tsela e e faphegileng a akaretsa go ya sekoleng kwa ntle ga lefatshe kana bolwetse mme o ne a tlhalosa fa molaodi e le ene a ka tsayang tshwetso a lebile gore a mabaka a banyalani ba a ntshitseng a a utlwala kgotsa jang.
O ne a gakolola banyalani gore ba laletse Modimo mo malwapeng a bone ka lefoko la Modimo le ka nna le ba gakolola go gaisa jaaka motho a ka dira.
O ne a gakolola gape banyalani ba ba sa tseneng kereke gore ba simolole go ipatlela kwa ba ka tsenang teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Eric Raphuti
Location : HUKUNTSI
Event : Lonyalo
Date : 10 Jul 2017






