Breaking News

Dikgwetlho di tshwentse mogokgo

09 Jul 2017

Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Etsha 13, Rre Isiah Njavera a re o tshwentswe ke dikgwetlho tse a lebanyeng natso jaaka moeteledi pele wa sekolo.

O buile jaana mo phuthegong e e neng e tshwerwe mo kgotleng ke mokhanselara wa Etsha 13/ Jao, Rre Dikoro Ngunga, fa a lekodisa morafe ka dikgang tse di builweng kwa khanseleng gammogo le go tsaya megopolo mo go bone.

Rre Njavera o ne a tlhalosa fa ba lebanywe ke kgwetho ya go tlhaela ga matlwana a borutelo mo go bakang gore bana bangwe ba rutelwe kwa ntle ntswa go le serame. O ne a tlatsa ka go re se se bakwa ke gore sekole se amogela bana ba le bantsi go fetisa jaaka se kgona.

O ne gape a bua ka tlhaelo ya matlo a boroko a barutabana, a supa fa mangwe a one a tlhokana le go baakangwa. Are se se bakile gore barutana bangwe ba felele ba hirisa matlo kwa metseng e e mababi jaaka Etsha 6.

Rre Njavera o ne a nankola fa ofisi ya ga mogokgo e le nnnye mme a patelesega go pitlagana mo go yone le mothusi wa gagwe.

Fa a bua ka letlhoko la dibuka le didirisiwa dingwe tsa thuto, Rre Njavera o ne a re seo ke lengwe la mabaka a a bakang gore bana ba seka ba dira sentle mo dithutong.

Rre Njavera o ne gape a bua a sa kgale mathe ka batsadi ba ba sa tlhokomeleng bana.

A re bana bangwe ba tla sekoleng ba se phepha e bile ba sa apara diaparo tse di bothitho mo serameng.

Rre Njavera a re o itemogetse dipalo tse di kwa godimo tsa bana ba ba tlogelang sekole mo dingwageng tse tharo tse di fetileng.

Ka jalo o ne a kopa batsadi go thusa barutabana ka tlhokomelo. 

O ne a ba kopa gore ba nne ba etela bana kwa sekoleng kgapetsakgapetsa.

O ne a re le fa go na le tlhaelo ya dijo kwa sekoleng, o na le tsholofelo ya gore seemo seo se tlaa baakanngwa, mme a kopa batsadi go fa bana sefitlholo pele ga ba ya sekoleng, a bo a konotelela kgang ya gagwe ka go itsese batsadi ka kwadiso ya bana ba ba tlaa bong ba dira lokwalo lwa ntlha ngwaga o o tlang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboipeelwe Andreck

Location : Etsha 13

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 09 Jul 2017