Setlhopha se fetola matshelo
09 Jul 2017
Setlhopha sa motshameko wa serala sa Namane Ya Moroba go tswa Thamaga se itomile molomo wa tlase go fetola matshelo a banana ba motse oo ka go ba ntsha mo mebileng.
Moeteledipele wa setlhopha seo, Rre Osekile Tlhakujame o ne a tlhalosa fa ba ne ba lemoga fa botlhoka tsebe jo bo teng mo motseng oo bo kukediwa ke gore banana ba nna ka diatla.
A re banana ba Thamaga ba boitseme mme e bile ga go na sepe se ba se dirang ntle le nnotagi le borukutlhi.
Ka jalo e le ba setlhopha sa Namane ya Moroba ba bona go tshwanela go leka go rarabolola bothata joo ka go tsaya bangwe ba banana go nna maloko a mokgatlho oo.
Rre Tlhakujame o ne a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go ngoka banana ka dipalo tse di kwa godimo go tsenelela mokgatlho oo go leka go ba ntsha mo mebileng le go ba ruta botho ka jaana botho e le selo se ba se tlotlang thata e le mokgatlho mme e bile ba dumela fa ngwana yo o nang le setho a ka ya golo gongwe mo botsheong.
O ne a tlhalosa fa a itumelela go bona banana bangwe ba supa kgatlhego mo go tseneleleng setlhopha seo, a re se se supa fa ba batla go fetola matshelo a bone.
Rre Tlhakujame yo o neng a tlhalosa fa le ene a kile a tsamaya tsela ya botlhoka tsebe, a re o lemogile fa kgodiso ya ngwana go tswa kwa lwapeng e le botlhokwa thata.
A re bana ka bontsi ba latlhegelwa ke tsela kwa malwapeng mme maitseo a a makgasa a ba a supe fa ba tsena kwa bathong.
O ne a kgothatsa batsadi go godisa bana sentle le go itshwara sentle fa pele ga bana ka jaana ba ithuta dilo ba sale bannye mme e bile dilo tseo di nna mo ditlhaloganyong tsa bone lebaka le leleele.
Namane ya Moroba ke setlhopha se se batletseng maloko a sone sebaka sa go ithuta kwa dikoleng tsa ithutelo tiro ya diatla le go batla mebereko.
Rre Tlhakujame o ne a tlhalosa fa seo e le sone se ba se batlang ka tota ba batla go fetola matshelo a banana.
O tlhalositse fa ba ka seke ba ineele mme ba tlaa tswelela ka go thusa banana le go ba batlela diphatlha tsa mebereko.
Setlhopha se, se bereka le makalana a tswhana le MVA FUND a a ba thusang ka madi fa ba diragatsa mo motseng go rutuntsha banana ka nnotagi le dikotsi tsa dikoloi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gofaone Makhaya
Location : THAMAGA
Event : Potsolotso
Date : 09 Jul 2017






