Breaking News

Kgosi o kopa katoloso ya kokelwana

09 Jul 2017

Mothusa kgosi wa Maboane o kopile gore kokelwa ya motse oo e atolosiwe ka e le sepitlaganyane ntswa e amogela palo e ntsi ya batho. 

E rile a bua mo potsolosong, Kgosi Mokgele Motseonageng o supile fa kokelwana ya motse oo e se mo seemong se se nametsang ka dikago tsa teng di setse di onetse. 

O ne a supa fa ba sena mooki yo o belegisang mme ba dirisa kokelwana ya Takatokwane fa go tla mo go tsa pelegi.

Kgosi Motseonageng o ne a supa gape fa diofisi tsa kgotla le tsone di tlhoka go atolosiwa ka jaaana kgosi a tlhakanetse ofisi le mapodisi le molemisi. 

Mo go tse dingwe, o ne a tlhalosa fa motse wa gagwe o sena ditlamelo jaaka poso, a kaya fa selo se se ketefaletsa banni matshelo, bogolo jang ba ba amogelang madi a bagodi le ba ba batlang go boloka madi.

E rile a latlhela la gagwe, kgosana ya kgotlana ya Itlhabanele, Rre Sekasekang More o ne a supa fa ba tshwenngwa ke dikgomo tsa matimela tse di gobeang kwa merakeng ka di felela di okisa magodu a leruo. 

O ne a itela gape ka letlhoko la mokenti, a supa fa ba setse ba iphotlhere ka ba latlhegetswe ke leruo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Boago Gaoatswe

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 09 Jul 2017