A go riana selo se diboko di ka ruega
06 Jul 2017
E le ruri maano a botshelo ga asite go sita a loso.
Se se netefaditswe ke Rre Bagali Kesebonye wa kgotla ya Chichana kwa Serowe.
Monana yo wa dingwaga tse di masome mararo le boraro o supile se ka go dira selo se se sa tlwaelesegang thata ka go rua diboko tse ka sejatlhapi di bidiwang earthworms, tse a tlhalositseng fa di dirisiwa go dira menontshane ya dimela.
Rre Kesebonye ntswa a na le bogole, o supile fa seo se ka paledisa motho go itirela ka diatla go itshetsa.
Mo puisanyong le BOPA, o tlhalositse gore o simolotse go rua diboko ka 2014 morago ga gore moagisanyi nae, Rre Bokamoso Mbaiwa, yo ka nako eo a neng a fetsa dithuto tsa gagwe tse dikgolwane kwa sekoleng sa BOTHO a ne a mmolelela fa a badile mo interneteng ka thuo ya diboko.
Seo sa utswa pelo ya lekawana le.
“Ntswa ke ne ke sa bona ka matlho ame, ke ne ka nna le kgatlhego e tona thata, mme ra utlwalela gore ba sekole sa Botswana College of Agriculture ba di ruile, ka moo ra ya go kopana le bone go ya go ithuta ka mothale o wa thuo.”
Monana yo a re o ne a kopana le Rre Ellias Ramabu, yo o ileng a se ka a mo felela pelo, a mo tlhatlhelela gotlhe ka thuo ya diboko.
Rre Kesebonye o ne a utlwalela morui wa diboko kwa Francistown, rre yo o tlholegang kwa Australia, ka jalo a mo etela kwa a ileng a reka 1kg ya diboko teng go simolola kgwebo.
Mo bogompienong o dumela fa e le ene fela wa kgwebo ya mofuta o, morago ga gore mogwebi wa kwa Francistown a boela gae.
“Go rua diboko go motlhofo ka gore dilo tse ke di dirisang ga di dingalo go bonala, diboko di ja matlhare, boloko, motshotelo, bojang, dikhadibokisi le tse dingwe”.
O kopanya didirisiwa tse a bo a di nosetsa selekanyo sa beke tse pedi gore di bole le gore di tswe mogote, ka di tshaba mogote le lesedi.
O hema mogote ka go di nosetsa gararo ka letsatsi le go di apesa dikobo tse di kolobeditsweng mo metsing.
Ka seboko e le selo se se jetseng ruri, a re se, se thusa gore di dire menontshane e mentsi e e dirwang ka motshotelo wa tsone.
Maikaelelo ke go kgobokanya motshetelo o, a bo a o tsenya mo dipaketeng a simolola go o rekisa.
“Ke sale ke simolola go rua diboko ga ke ise ke rekise menontshane ya teng, ke rekisitse diboko fela ka e le nna fela yo ke neng ke na le tsone.”
A re Rre Ramabu o ne a romela batho ba ba neng ba na le kgatlhego ya go rua diboko kwa go ene go tla go reka, gape a mo thusa ka go baya mogala wa gagwe kwa ditshupong mme batho ba kgona go bua le ene.
Rre Kesebonye a re 1kg ya diboko o e rekisa P300.
Keletso ya ga Rre Kesebonye ke go godisa kgwebo ya gagwe go e ntsha mo lwapeng mme o na le kgwetlho ka a ise a kgone go bona thuso ya ba lenaneo la Youth Development Fund.
“Go nna kgakala le toropo go a ntomeletsa ka gore ga ke kgone go bona dithuso tse dingwe tse di tshwanang le tse di neng tsa bonwa ke barui ba diboko ba ba tsileng kwa morago ga me tse ba neng ba di bona jaaka go isiwa sekoleng, mme morago ba kgona go bona dithuso tsa madi.”
Rre Kesebonye a re o eletsa gore batho kgotsa banana ka ene ba tle go bona gore o dira jang ba tsee malebela le bone ba kgone go itshetsa.
“Ha ke bona diboko tse tsa me ke tlala ka boitumelo.
Ke tshwana fela le morui wa dikgomo yo o kgonang go tsena mo lesakeng a lebeletse leruo la gagwe a tlale ka monyenyo wa boitumelo a di bona”. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOIKOBO MONAGENG
Location : SEROWE
Event : POTSOLOTSO
Date : 06 Jul 2017






