Mosekaphofu ya ga gagabo ga a swe lentswe
05 Jul 2017
Dipina tsa Sebirwa gammogo le mmino di tshwanetse go sirelediwa ka tlhoafalo gore di seka tsa nyelela.
Mo potsolotsong le mokwaledi wa setlhopha sa mmino wa Sebirwa mo Bobonong sa Mosekaphofu, Mme Gomolemo Kele a re dipina tsa Sebirwa gammogo le mmino ke tsone pinagare ya Babirwa ka di kaya ditso tsa Babirwa ka botlalo.
Mme Kele a re e ne ya re ngogola ene le banana bangwe ba Bobonong ba bona go tshwanela gore ba tlhame setlhopha sa Mosekaphofu ka maikaelelo a go tshegetsa le go sireletsa dipina gammogo le mmino wa Sebirwa gore o seka wa nyelela.
A re gore ba tlhame Mosekaphofu, ba gwetlhilwe ke go bona ngwao ya Setswana, segolo jang Sebirwa se gomagomediwa ke go nyelediwa ke dingwao tsa mafatshe a sele.
O tlhalositse fa Mosekaphofu e tlhamilwe ka maloko a le masome a mabedi le bongwe.
Mme Kele a re Mosekaphufo o magorogo masha mo mererong ya mmino wa Setswana, mme e bile se setse se supa bonatla le bonokopila jwa sone ka se tlaa bo se ya go phadisana le setlhopha se se itsegang bobe mo mminong wa Sebirwa sa Re tlaa re ke dipitse kwa dikgaisanyong tsa malatsi a ga Tautona kwa Gaborone monongwaga.
A re Mosekaphofu e ne ya gapa maemo a ntlha ka 91 per cent mo dikgaisanyong tsa mmino wa Sebirwa tsa dikgaolo tse di neng di tshwaretswe mo Bobonong bosheng mme setlhopha sa Re tlaa re ke dipitse sone se ne sa gapa maemo a bobedi ka 85 per cent.
O kaile fa ba bona Lesubeje e le nngwe ya dipina tse di dirileng gore ba gape maemo a ntlha.
Le fa go ntse jalo, Mme Kele o tlhalositse gore fela jaaka tlholego ya Babirwa, mmino wa Sebirwa o tlholega kwa Afrika Borwa.
Mme Kele a re go tswa goo-Lowe mmino wa Sebirwa o ne o binwa e le tsela nngwe ya go ipelela tlhobo kana go rapelela pula.
A re gape mmino wa Sebirwa o ne o binwa fa le botsetsi jwa go rafola le fa go ntshiwa ngwana mo ntlong.
Mme Kele a re mmino wa Sebirwa o kgaogantswe ka maphata a le mmalwa jaaka go na le mmino wa borre, wa bomme le o o kopantseng bomme le borre.
A re mmino o o ne o binwa fa go ipelwa kwa kgotleng le mo manyalong kana go rapelelwa pula, fa wa bomme o ne o binwa ke basadi fela fa ba dira tiro ya botsetsi jwa go rafola.
O kaile gore diletso tsa Sebirwa jaaka meropa go na le ka fa di lediwang ka teng, a tlatsa ka go re kapari ya teng le yone e pharologanyo thata le ya dingwao tse dingwe ka e tsamaelana le morafe wa Venda kwa Afrika Borwa.
Mme Kele a re banana ba tshwanetseng go ikgolaganya le bagolo go ithuta ka fa dingwao tsa Setswana di ntseng ka teng, a tlatsa ka go re ba innaakanye gape le ditlhopha tsa mebino ya setso mo metseng ya bone go leka go intsha mo ditirong tsa botlhokatsene le go itse ngwao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : BOBONONG
Event : Potsolotso
Date : 05 Jul 2017






