Breaking News

Mokgatlho o rotloetsa bomme go itshetsa ka botaki le bodiragatsi

05 Jul 2017

Modulasetilo wa mokgatlho wa Botswana Association for Women Artists, Mme Omphile Makubate a re mokgatlho wa bone o tlhametswe go rotloetsa bomme go tlhagafalela botaki.

O kwadisitswe ka fa molaong ka kgwedi ya Phalane ngwaga oo fetileng.

Mme Makubate a re mokgatlho o, o itebagantse le go ema nokeng bomme ba ba dirang tiro ya botaki le bodiragatsi gore ba kgone go itshetsa ka yone.

O tlhalositse fa mokgatlho wa bone o kwadisa maloko a bomme ba ba eletsang go thusiwa ka go bapatsa ditiro tsa bone kwa mafatsheng aa kwa moseja.

A re mokgatlho o, gape o dira tiro ya go lomaganya bataki le badiragatsi le makgotla a baka bonang dithuso mogo one gore ditoro tsa bone di atlege.

Mme Makubatle o boletse fa mokgatlho wa bone o ruta maloko a one go rekisa dithoto le bodiragatsi jwa one kafa tsamaisong ntle le go tsiediwa ke bareki.

O tlhalositse fa ba setse ba kgonne go thusa maloko a bone go bona mmaraka oba rekisang dithoto tsa bone kwa mabentleleng a matona kwa mafatsheng a sele.

A re mokgatlho wa bone gape o thusa maloko a one aa dirang ditiro tsa diatla go aga mafelo a baka rekisetsang dithoto tsa bone teng.

Mme Makubatle a re ba dumalane le balogi ba ditlatlana kwa motseng wa Mathathane gore ba age lefelo le ba tlaa rekisetsang ditlatlana teng.

O kgothaditse bomme go ikwadisa le mokgatlho wa bone gore ba tle ba thusiwe go itshetsa ka botaki le bodiragatsi jwa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : BOBONONG

Event : Potsolotso

Date : 05 Jul 2017