Thebe o itoma molomo wa tlase
05 Jul 2017
Mme Orelebe Thebe wa Mookane ke mongwe wa ba ba atlegileng ka lenaneo la nyeletso lehuma la go itshimolodisetsa kgwebo ya go roka diaparo.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Thebe o boletse fa a itshetsa ka go dirisa botsipa jwa go roka, jo a bo tsereng kwa sekoleng sa tiro ya diatla.
A re morago ga go fetsa sekole o ne a thapiwa mo kgwebong ya go roka loboka lo lo leele,ka jalo a gwetlhega go itirela e e leng ya gagwe, mme a ikopela dithuso tsa lenaneo la nyeletso lehuma mme kopo ya gagwe ya atlega.
O tlhalositse fa a simolotse kgwebo ka 2013, a sena go tsena dithuto tsa kgwebo dibeke tse thataro kwa Mahalapye,
A re o ithutile go roka a sa ntse a le kwa sekoleng se segolwane, mme ya re morago a ya go tsweledisa lerato la go roka kwa sekolong sa tiro ya diatla.
A re kitso e,ke yone e tshegeditseng gore kgwebo ya gagwe e tswelele pele go fitlhelela mo nakong eno.
Mme Thebe a re o ne a thusiwa ka ditsompelo tsa kgwebo jaaka matsela le metshine e e rokang.
O boletse fa kgwebo ya go roka e tsisitse diphetogo mo botshelong jwa gagwe le fa go na le dikgwetlho jaaka letlhoko la bareki ba popota.
Le fa go ntse jalo, o boletse fa dipoelo a di dirisa dilo tse di botlhokwa jaaka go duelela bana sekole gammogo le go ba rekela paka.
Mme Thebe a re bosheng o ne a supa dithoto tsa gagwe kwa ditshupong tsa kgaolo-potlana ya Mahalapye mme a feta ka tse di tsididi a ikgapela maemo a ntlha mo go direng mosese wa leteisi.
A re kgwebo ya gagwe e itebagantse le go dira paka ya dikole,dilwana tsa manyalo,digaretene,diaparo tsa setso le tse dingwe.
Mme Thebe o boletse gore o ipapatsa ka go bua ka kgwebo gongwe le gongwe kwa a tsamayang teng, a tlhalosa fa a dira seo ka ntata ya gore ga a ise a nne le madi a go ka bapatsa kgwebo mo diromamoweng le dikoranta.
“Kgwebo e, ke thuto mo go nna e bile ke boswa jo ke ka se kakeng ka bo amogwa ke ope,” a tlhalosa.
A re o rotloetsa banana le botlhe ba ba tsereng mananeo a nyeletso lehuma go nna pelokgale mo dikgwebong tsa bone.
Fa a kgothatsa banana a re ba seka ba nna le poifo fa dikgwebo tsa bone di sa dire sentle mme ba nne le mowa wa tsholofelo ka nako tsotlhe.
Mme Thebe gape o ne a gwetlha ba ba maoto a tshupa go ikopela mananeo a puso go ka intsha mo lehumeng la nta e tshetlha, a tlatsa ka go re mananeo a, a ka thusa go kabakanya itsholelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ogomoditse Johannes
Location : MOOKANE
Event : Potsolotso
Date : 05 Jul 2017






